Monna o wetse mo letamong
03 Feb 2019
Mapodisi a Moshupa a tlhotlhomisa leso la monna mongwe wa kgotla ya Maunatlala kwa Moshupa yo o dingwaga di magareng ga masome a mararo le masome a mararo le motso.
Se se boletswe ke mookamela mapodisi a Moshupa le metse e e mabapi Superintendent David Ramoseki mo potsolotsong le BOPA bosheng.
Supt Ramoseki o tlhalositse fa e rile ka Laboraro maitseboa morago ga nako ya borataro mapodisi a Moshupa a begelwa ke rre mongwe gore o bone monna mongwe a tlolela mo teng ga letamo, mme go lebega a betilwe ke metsi.
Ramapodisi a re rre yoo, yo o boneng tiragalo eo ka matlho, o tlhaloseditse mapodisi gore o ne a feta ka tsela mme a bona monna yoo a ntse mo godimo ga letlapa fa letamong la Mosope mme moragonyana rre yoo a apola diaparo a sala fela ka borokgwe jwa ka fa teng mme tlolela mo letamong go lebega a leka go thuma.
A re e ne ya re a lebile legare la letamo a seka a tlhola a bonala. Supt Ramoseki o tlhalositse fa go boletswe fa rre yoo a ne a le ntlheng ya borwa jwa letamo leo mme a tlolela ntlheng ya bokone, a tlhalosa fa mmoni wa tiragalo eo a ne a tlhalosetsa mapodisi fa tiragalo eo e diragetse morago ga nako ya botlhano maitseboa.
O tlhalositse fa ba sepodisi kwa Moshupa ba ne ba itshwaraganya le ba lekalana la sepodisi ba ba itseng metsi ba Special Support Group go tla go thusa go ntsha rre yoo mo letamong.
A re e rile mosong wa Labone ba simolola go batla rre yoo mo teng ga letamo mme ba kgona go mo ntsha morago ga go mmatla selekanyo sa oura.
Supt Ramoseki a re rre yoo o ne a isiwa kwa kokelwaneng ya Mmaseetsele gone kwa Moshupa go tlhatlhojwa ke ba bongaka go lekola seemo sa gagwe sa botshelo le fa g one go lebega a tlhokafetse mme ba feta ba rurifatsa fa a tlhokafetse.
Mookamela mapodisi a re o ikuela mo setshabeng go itse fa letamo leo le le borai, ka jalo ba tshwanetse go ikgapha mo go lone, a gatelela ka go re gape ba ikgaphe mo mafelong a mangwe a a nang le metsi a mantsi. ENDs
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : MOSHUPA
Event : Potsolotso
Date : 03 Feb 2019




