Mosadi mongwe a amogwa koloi le dithoto
31 Jan 2019
Mapodisi a Masunga kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone, mme mongwe a neng a tlhaselwa ke banna ba le bararo kwa Makaleng bosheng.
Mookamela mapodisi a Masunga, Superintendent Gaolatlhe Ngayaya a re mme yoo wa dingwaga tse di masome a matlhano le botlhano o boletse fa e ne ya re a sena go tshwara thapelo mo mosong ka nako ya botlhano, a tswela kwa ntle ga ntlo ya borobalo ka nako ya borataro go ya go thutafatsa metsi.
O ne a kgatlhantshiwa ke banna ba le bararo, ba bipile difatlhego ka diaparo tse dintsho, mme ba lopa gore a ba neele madi.
Dilalome tseo, di ne tsa lopa dilotlolo tsa koloi ya mme yoo ya modiro wa Toyota Dakar, mme ene ba mo funela maoto le matsogo, ba bo ba le botsa phokoje ka koloi eo ba sena go mo amoga segwana sa ditshwantso, beke ya bomme le dilwana tse dingwe tsa mo ntlong.
Supt Ngayaya a re ka lesego e ne ya re moragonyana mme yoo a kgona go funolola mme a kua mokgosi, ka jalo tiragalo eo ya begelwa mapodisi. O tlhalositse fa go supagetse fa dilalome tseo di tsene mo ntlong ka seokomelabagwe, ba sena go kgaola ditshipi tse di kganelang magodu.
Mookamela mapodisi a re e ne ya re mapodisi a latedisa motlhala wa koloi eo ga supafala e lebile ntlheng ya mololwane wa lefatshe leno le la Zimbabwe, ka jalo a re ba na le dipelaelo tsa gore koloi eo e ka tswa e tlodiseditswe kwa Zimbabwe.
A re ditlhotlhomiso di tsweletse mabapi le ditiragalo eo. Le fa go ntse jalo, o boletse fa kgaolo ya bone e santse e rena tidimalo kwa ntle fela ga melato e mennye e se kae.
E re dikgang di eme jalo, e ne ya re kgwedi eno e le masome a mabedi le boferabongwe, Kgosi wa Tati Siding, Kgosi Simon Nkgageng, a atlholela borre ba le ba bedi ba Tati Siding, ebong Patrick Lekau wa dingwaga tse di lesome le boferabongwe le Thabo Majama wa dingwaga tse di masome a mabedi, dithupa tse thataro mongwe le mongwe wa bone mabapi le molato wa bogodu,
Mabaka a kgang a tlhalosa fa bobedi joo, e ne ya re ka ngwaga wa 2017 ka kgwedi ya Phalane ba filwe tiro ya nakwana ke khansele ya Bokone Botlhaba gone kwa Tati Siding, ba utswa didirisiwa dingwe tsa khansele tse ba neng ba di filwe go di dirisa mo tirong eo.
Bobedi jo bo ne jwa utswa dikiriba tse pedi le dikgetsi tsa semente di le nne tse tsotlhe di lopileng P740, mme le fa gontse jalo dikiriba tseo le dikgetsi tse pedi tsa semente di ne tsa bonwa fa dikgetsi tse dingwe tse pedi tsone di ne tsa seka tsa bonwa.
Go tlhalositswe fa basekisiwa ba ne ba tshwarwa ke mapodisi gone ka 2017, ba lebisiwa molato wa bogodu mme ya re ba ntse ba emetse tsheko ba tsena ka lenga la seloko go fitlhelela ba tshwarwa kgwedi eno e le masome a mabedi le boferabobedi.
Mo godimo ga katlholo eo ya dithupa, Kgosi Nkgageng o ne a laela bobedi joo go duela khansele dikgetsi tse pedi tsa semente tse di sa bonwang mo malatsing a le lesome, go sa nneng jalo ba tlaa isiwa kgolegelong lebaka la kgwedi.E ne e rile ba ipobola pele ga katlholo, basekisiwa ba kopa lekgotla go ba utlwela botlhoko.
Lekau o ne a supa fa a batla go tsweledisa dithuto tsa gagwe fa Majama ene a ne a bolela fa a dirile kopo ya go ya go tsena sekolo kwa dikolong tsa ithutelo tiro ya diatla tsa brigade, ka jalo ba supa fa kgolegelo e ka ba baya ka fa mosing. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : POTSOLOTSO
Date : 31 Jan 2019




