Monana o ipelafatsa ka ISPAAD
31 Jan 2019
Rre Omphile Sethibenyane wa masimo a Naledi kwa kgaolong ya Borwa ke mongwe wa banana ba ba ikiteileng sehuba go tokafatsa matshelo a bone ka lenaneo la ISPAAD.
Monna yo wa dingwaga tse masome a mararo le boraro o boletse mo potsolotsong fa ISPAAD e le phitlhisa go beng ka e inotse ba le bantsi mo lehumeng.
Rre Sethibenyane a re e sa le e re go simolodisiwa lenaneo le ka ngwaga wa madi wa 2008/09, a bo a nna le keletso ya go bona puso e atlega mo maikaelelong a yone a gore lefatshe leno le itirele dijo.
A re pele o ne a inaakanya le go akola leneneo le ka go tsaya menontshane le dipeo le go lemelwa ditema tse tlhano ngwaga le ngwaga ntle le go lopiwa dituelo.
O tlhalositse fa mo temong ya gagwe a ne a itebaganya le go lema mmidi, dinawa le lablab ka jaana di le bogadi bo gaufi.
“Ke ne ka lema thata mmidi, dinawa le lablab ka jaana di ntirela dijo, mme gape dina le dipoelo tse di nametsang ka nako ya thekiso.
E re le ntswa ke le motho yo ratang temo ka go bo batsadi ba me ba nkgodisitse ka yone, ISPAAD e ntsile matshediso ka jaana ke sa lemele fela go itshetsa mme jaanong ke fepa leruo lame mme e bile gape ke dira temo e le kgwebo,” ga bolela Rre Sethibenyane.
O tlhalositse fa morago ga thobo a sila letlhaka le masalela a dinwa go dira dijo tsa leruo tse e ya reng selemo a fepe leruo ka tsone le go rekisetsa barui ba bangwe mme se tlahalositseng se mo okeletse dipoelo.
“Se se mpaya ka fa tshiamelong ka jaana ke sa nne le ditshenyegelo tse di kalo tsa go reka dijo tsa leruo. Ke reka fela tse di tlhokafalang go oketsa dikotla jaaka molasese le letswai go oketsa tatso. Ke rekisetsa gape le barui ba bagwe go fepa leruo la bone bogolo jang ka nako ya phulo e ile tlase.”
A re e rile go bona Batswana ba bangwe bo sokola go akola lenaneo le ka ntata ya tlhaelo ya diterekere, a tlelwa ke mogopolo wa gore jaanong a thuse bangwe ka ene. A re mo dipoelong tsa gagwe tse a neng a ntse a di boloka,o ne atlatsa fela go se kae go reka terekere.
Rre Sethibenyane a re phitlhelelo e ya gagwe e mo nameditse pelo le go feta ka jaana mo bogompienong a semeletse go beela balemi ditema, selo se a kaileng fa a le mo ngwageng wa borao a ntse a se dira.
A re se, se tlhatswa pelo le go feta ka jaana a tlhakantse le go akola madi a puso e atswang bo beng ba diterekere ba ba lemelang batho, a kaya fa dipoelo tsa temo di mo diretse go le gontsi mo botshelong.
O tlhalositse fa temo e na le dikgwetlho di le mmalwa mme a re go sekegela tsebe dikgakololo tsa balemisi go mo tlodisa melatswana, mme o ne a rotloetsa banana gore ba le aramele le sa ntse le ba
tlhabetse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mphoentle Gopadile
Location : NALEDI
Event : POTSOLOTSO
Date : 31 Jan 2019




