Breaking News

Merogo e tlodisa Mabuza melatswana

30 Jan 2019

E re ka  letlhoko la ditiro le ile magoletsa, Batswana bangwe ba tsweletse ka go batla maano a go itshetsa.

Mongwe wa ba ba itekang ke Mme Ndumiso Mabuza yo o tlholegang kwa Matenge kwa kgaolong ya Bokone-Botlhaba.

Ene o inaakantse le temo ya merogo.

E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Mabuza a re khansele ya Francistown e ya mo adima lefatshe go dira tshingwana ya merogo go bapa le noka ya Ntshe gaufi le Monarch ka 2013.

A re o ne a bereka ka thata go dira tshingwana e ya merogo, a itlhotlhora dipata go reka terata le mapako a a agelelang tshingwana e, go balelwa le go tlhapa motho yoo e agang.

Mme Mabuza a re godimo ga moo o ne a reka tanka ya metsi ya jojo, lethombo le le nosetsang le engine e e pompang metsi mo nokeng ya Ntshe.

O tlhalositse fa a ne a ikopanya le lephata la Temo-Thuo le le neng la mo isa sekolong selekanyo sa beke kwa a neng a ithutela temo ya merogo.

Mme Mabuza a re o ne a netefatsa gore tshingwana ya gagwe e a atlega, ka go tsamaya sekgele se seleele a kgarametsa kiriba go reka menontshane mo baruing ba dikoko.

A re kgwebo e, e tlhoka bonatla, lerato, boineelo le bopelotelele ka e na le tiro e ntsi.

Mme Mabuza a re o thuswa ke monnawe mo tshingwaneng mme nako dingwe o etle a tlhape motho yoo ba thusang.

A re merogo ya gagwe o e rekisa morago ga dikgwedi tse tharo a sena go lema, a gatelela fa paka ya mariga e le yone e siametseng temo ya merogo thata.

O tladitse ka gore ngwaga ono o ikaelela go tsena ditshupo tsa temo thuo gore batho ba kgone go bona merogo ya gagwe, ka se se ka mmiletsa bareki ba basha.

Mme yo, yoo dingwaga tse masome mane le bosupa, a re mo nakong eno o akola mofufutso wa phata ya gagwe.

 A re tshingwana e e mo tlodisa melatswana e tletse ka o kgona go ijesa le go rekela bana ba gagwe ba bararo paka ya sekolo.

E re dikgang di eme jalo, Mme Mabuza o tlhalositse fa a na le dikgwetlho tse di akaretsang go utswiwa ga merogo ya gagwe bosigo.

A re kgwetlho e nngwe ke gobo lefelo le a lemang mogo lone e se la gagwe.

 Ka jalo, Mme Mabuza a re go thata gore o ka itirela setlankana sa kgwebo, gape se se dira gore a bo a gama kgomo ya mafisa ka a boifa gore nako nngwe khansele e tlaa batla lefatshe le e le mo adimileng.

O ne gape a re diji di tshwenya ka go ja merogo mme a aga a kopanya tšhilisi, garlic le metsi a bo a gasa mo tshingwaneng, mme se se thuse fela thata go itsa le go bolaya diji.

O gateletse fa dikgwetlho tse di ka seke di mo kgobe marapo ka e bile keletso ya gagwe e le go bona tshingwana ya gagwe e godile go feta ebile a rekisetsa marekisetso a matona merogo ya gagwe.

A re o ka amogela thuso nngwe le nngwe go tswa mo pusong ka o ka kgona go reka jojo e nngwe le kolotsana e a ka e dirisang fa a rekisa merogo.

Mme Mabuza o kgadile bomme ba ba ikaegileng ka puso le borre ba ba tshelang nabo ba sa itirele, a tlhalosa fa nako ele yone e ya gore ba tswe ka maano a go itshetsa go ikinola o lehumeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Festus Outule

Location : FRANCISTOWN

Event : POTSOLOTSO

Date : 30 Jan 2019