Mokgatlho o emela Maunatlala ka dinao
30 Jan 2019
-Mokgatlho wa Kgosupong, o o tlhamilweng ke banana ba Maunatlala, o rotloetsa banana go tsholetsa serodumo sa motse oo.
Mokhanselara wa Maunatlala, Mme Salome Lesole, o ne a akgolela mokgatlho go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong le go supa lerato le mowa wa kutlwelobotlhoko.
O ne a bua mo potsolotsong morago ga go rolela lelwapa la ga Rre Joseph Mmele dijo tse di abilweng ke mokgatlho o o.
“Ke rotloetsa banana ba mokgatlho wa Kgosupong go tswelela ka go thusa ba ba tlhokileng lesego mo motseng wa rona. Re le boeteledipele jwa motse re tshwanetse go bona gore re ema banana nokeng mo ditirong tse di molemo tse ba di dirang mo setshabeng,” a tlhalosa jalo.
Mme Lesole a re go tsenya letsogo mo ditirong tsa bopelotlhomogi go ka thusa go busetsa seriti mo go ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
O rotloeditse mokgatlho go tswelela ka maikaelelo a mantle a go abela banni bangwe kwa Maunatlala.
“Re na le ntlo lehalahala mo motseng wa rona e e agilweng ke banana ka mowa wa boithaopo mme mo bogompienong ga e mo seemong se se siameng ka jalo ke gwetlha mekgatlho ya banana mo motseng go ikopanya go bona gore ba ka e tlhabolola jang,” ga bua Mme Lesole.
A re banana ba ka tlhabolola ntlo lehalahala eo go dira gore e tsenye madi ka go e fetola go nna lefelo la go tshegetsa bokopano, a tlatsa ka gore bontlha bongwe bo ka dirwa lefelo la itloso bodutu.
Fa a tswa la gagwe, mogokaganyi wa mokgatlho wa Kgosupong, Rre Duelang Ngwako, o tlhalositse fa ba tlhamile mokgatlho morago ga go lemoga fa ngwao ya motse wa bone e nyelela mme gape go na le keletso ya go tlhabolola matshelo a batho.
A re mokgatlho o itebagantse thata le go ruta banana go itse dikgotla tse ba tlholegang mo go tsone a kaya fa ba dira seo ka go tshegetsa kgaisanyo ya metshameko ya kgwele ya dinao ya 5-aside ka malatsi a Keresemose.
Metshameko eo e tsenwa ke banana ba dikgotla tse di lesome a supa fa kgotla nngwe le nngwe e na le kemedi mme setlhopha se se fenyang se fiwa dietsele le dijo tse ba ka di abelang motlhoki mo kgotleng ya bone, ga tlhalosa Rre Ngwako.
A re ngwaga o o fetileng, setlhopha sa Mankga se ne sa gapa maemo a ntlha mme ba tsaya tshwetso ya go abela Rre Mmele, yo o tlholegang mo kgotleng eo, dijo.
Rre Ngwako a re dikgaisanyo tseo di tshologelwa ke morafe wa Maunatlala ka dipalo tse di ko godimo a supa fa ka nako ya metshameko ba ruta banana ka ditso tsa dikgotla tsa bone le kwa ba tlholegang teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lebalang Ditlhobolo
Location : MAUNATLALA
Event : POTSOLOTSO
Date : 30 Jan 2019




