Breaking News

Mopalamente wa pele o akgola marekisetso a Western Furnitures

29 Jan 2019

Mopalamente wa pele wa Selebi Phikwe Bophirima, Rre Gilson Saleshando, o lebogetse marekisetso a Western Furnitures go thusa Batswana go na le go itebaganya le go gweba fela.

Rre Saleshando o buile se bosheng fa marekisetso ao a  abela bareki ba le batlhano ba ba gapileng dimpho tsa P150 000.

A re marekisetso a Western a thusitse puso go dira ditiro ka ba thapile banana ba feta lesome.

Rre Saleshando  a re marekisetso ao a ne a thusa batho bangwe ba ba tlhokileng lesego kwa Maun.

Mme Elizabeth Ndjavera o ne a tswa mofenyi wa ntlha wa kgaisano yeo, e e neng e tsenwe ke mongwe le mongwe yo o rekileng ka makgolo a dipula a lesome go ya ko godimo ngwaga oo fetileng.

Mme Ndjavera, yo o ikgapetseng setsidifatsi sa P13 000,  a re o itumetse thata go bo a kgonne go ikgapela mpho e e kalo, le ntswa a ne a tsena kgaisano eo ka meno a maleele.

Mofenyi wa bobedi o ne a ikgapela bolao, wa boraro segwana s ditshwantsho tsa motsikenyego, wa bone setilo fa wa botlhano a gapile sedisirisiwa sa dilwana tsa kapei.

Mookamedi wa marekisetseo a Western Furnitures kwa Maun, Mme Maikano Molefe, o ne a supa fa  e le la ntlha marekisetso ao a dira kgaisano kwa Maun fa e sale a bulwa ka ngwaga wa 2008.

Mme Molefe a re bareki bangwe ba ne ba ikgapela dimpho tsa dijo tse di lopileng makgolo a mararo.

A re dikgaisano tseo ke tsela ya go lemoga botlhokwa jwa bareki, ka ebile marekisetso a bone a sa  rekise ka sekoloto, fa e se ka madi kana go beeletsa dilwana go fitlha madi otlhe a duelwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ka Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : Ka bo dimpho

Date : 29 Jan 2019