Breaking News

Molemisi o kgala boitseme

29 Jan 2019

Molemisi wa kgaolo ya Maunatlala, Mme Elizabeth Mokwena, o kopile balemi go nna teng fa ba lemelwa go itsa dingongorego tse dintsi.

A re balemi bangwe ba na le mokgwa wa gore e re fa ba itse gore ke letsatsi la gore ba lemelwe ba bo ba laela yo o ba lemelang gore dipeo di fa kae, mme ba lemelwe ba seyo.

O ne a bua kwa Mokokwana mo phuthegong ya kgotla ee neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala Rre Prince Maele.

Mme Mokwena a re seemo se, se dira gore mokgweetsi wa terekere a tseele molemi tshwetso ya gore o lema eng fa kae.

A re bangwe  ba ba lemetsweng ba felela ba nna le dingongorego ntswa le bone ba na le phoso e ba e dirileng ya go neeletsa beng ba diterekere.

A re go botlhokwa gore e re ka nako ya fa motho a lemelwa a bo a le teng gore a bone gore a o lemelwa sentle.

A re mo dinakong tse dingwe fa go lengwa, peo e kgona go sa tsweng mme ka nako ya fa motho a lemelwa a ka kgona go lemoga a bo a tsibosa yo o mo lemelang. Mme Mokwena a re mo dinakong tse dingwe go kgonagala gore e re go sena go lengwa dinonyane di bo di sala di katolola peo, ka jalo fa molemi a sena go lemelwa o tshwanelwa ke gore a ba a tlhokomela.

Le fa go ntse jalo, Mme Mokwena a re go na le bakgweetsi ba diterekere bangwe ba e reng ba lema ba bo ba itshiela a bolela fa seo se sa siama ka ba felela ba sa leme sentle.

O ne a ba rotloetsa go dira lekgotla la bone gore ba kgone go buisanya le gone go baakanya diphoso tsa bone.

A re lekgotla leo e ka nna yone tharabololo go buisanya go bona gore ba ka dirisanya jang le beng ba masimo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : phuthego ya kgotla

Date : 29 Jan 2019