Breaking News

Lerala o ngongorega ka ditlhabololo tse di sa dirweng

28 Jan 2019

Banni ba Lerala ba ngongorega ka ditiro tsa ditlhabololo tse ba reng ba ne ba di solofeditswe mme ba sa tlhole ba itse gore di tsamaya kae segolo jang kago ya kokelo.

Ba buile se kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamentewa wa kgaolo ya Lerala/ Maunatlala, Rre Prince Maele bosheng.

Ba re puso e ba solofeditse kokelo, diofisi tsa khansele le tsa sepodisi mme nako kgolo ke eno. Mokhanselara wa Lerala Bophirima, Rre Gabagopolwe Sebele, o ne a supa ngongorego ka boutsana jwa ditiro tsa ditlhabololo.

A re ditlhabololo tse ba sa bolong go di lopa jaaka kokelo di tsene ka lenga la seloko mme ga go tlhalosege sentle gore di ka tswa di ile kae.

Mo go tse dingwe, Rre Sebele o ne a supa ngongorego ka madi a a fiwang dikgaolo.

A re madi ao a P10 million a ne a kgaogantswe go ya ka metse ka go farologana mme ya nna P625 000 motse mongwe le mongwe ka jalo fa go dirwa ditlhabololo dingwe a a tlhaela. 

A re kgaolo ya Lerala/ Maunatlala e tshwanetse go buisanya gape gore ba seka ba kgaoganyamadi ao jaaka ba ne ba a kgaogantse mme ba a tsee ba dire ditlhabololo tse di ka ba sologelang molemo e le kgaolo.

Le fa go ntse jalo, Rre Maele o ne a bolelela banni ba Lerala faTautona le tona wa Botsogo le Boitekanelo ba itse ka kgang ya kokelo.

 O ne a itsise banni fa a setse a buisantse le tona wa botsogo ka kgang ya bone ya sepatela mme a ba solofetsa fa a tla a tla mo motseng wa bone go buisanya ka kgang e pele ga kgwedi ya Tlhakole e wela.

Mo go tse dingwe, banni ba ne ba kopa gore kokelwana ya bone e thusiwe ka koloi le gone go thusiwa ka dipilisi le melemo.

Ba re go na le tlhaelo e ntsi ya dipilisi le melemo mme bangwe ba felela ba pelelwa ke go di ithekela ntateng ya letlhoko la madi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ka Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 28 Jan 2019