Balemi ba ditlhare ba tshwaraganela kgwebo kwa Kgatleng
28 Jan 2019
Balemi ba ditlhare kwa Kgatleng ba seegetse fa thoko malatsi a Hirikgong a tlhola masome a mabedi le bone go ya go a le masome a mabedi le botlhano go nna malatsi a ba bapatsang kgwebo ya bone ka one.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng kwa ipapatsong eo, Mme Goitsemodimo Daniel yo okametseng mokgatlho wa balemi ba ditlhare kwa Kgatleng, o ne a supa fa ipapatso ya bone e simolotse ka ngwaga wa 2011 mme ya emisiwa ke mabaka a gore theko ya ditlhare e ne e le kwa tlase.
Mme Daniel a re ba ne ba seka ba itlhoboga ka ba ne ba tsweledisa ipapatso ya bone ngwaga oo fetileng le monongwaga.
O tlhalositse fa puso e ba thusitse ka madi mme mongwe le mongwe wa bone a kgona go reka ditlhare gore a ipulele kgwebo.
A re puso e ne ya ba neela P17 000 gore ba kgone go simolodisa kgwebo ya bone.
Mme Daniel are mokgatlho wa bone o simolotse ka ngwaga wa 2011 ka pulo semmuso ya lenaneo la nyeletso lehuma.
Fa a tswa la gagwe, mongwe wa bagwebi ba ba neng ba tsene ipapatso eo, Mme Shirley Mosate o ne a tlhalosa fa ba kopana le dikgwetlho tse di farologaneng mo temong ya ditlhare.
A re metsi, polaseteke e ditlhare di lemelwang mo go yone le theko ya ditlhare ke dingwe tsa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo kgwebong ya bone.
A re Batswana ba le bantsi ga ba ise ba tlhaloganye botlhokwa jwa temo ya ditlhare mo malwapeng a bone ka jalo se se ba gwetlha gore ba ipapatse thata gore ba kgone go bona dipoelo.
“Mo ipapatsong e, re ruta Batswana gape ka mefuta ya ditlhare e re nang le yone le gore ba ka di tlhokomela jang fa ba sena go di reka. Re ba rute gape ka botlhokwa jwa go lema ditlhare mo lapeng,” Mme Mosate a tlhalosa.
Mme Mosate a re e re le ntswa ba rekisa ditlhare ka go farologana, setlhare sengwe le sengwe se na le tlhwatlhwa ya sone.
A re ba bapaditse ditlhare tsa maungo le tse di kgabisang go oka bareki.
Mme Mable Masike le ene o ne a itumelela gore mokgatlho wa balemi ba ditlhare o na le sebaka sa go ipapatsa ka ba kile ba ya go bapatsa ditlhare tsa bone kwa segopotsong sa letsatsi la temo ya ditlhare le ka kgwedi ya banana kgatlhanong le HIV/AIDS.
A re puso e dira go le gontsi go ba thusa ka gantsi ba biletswa ditiro tse mo go tsone ba tlaa bong ba atswiwa ka madi ele bontlha bongwe jwa go rotloetsa dikgwebo tsa bone.
O tsweletse gape ka go akgola bomme ba mokgatlho ka mowa wa tirisano mmogo o ba nang le one, a tlhalosa fa ba thusana fa yo mongwe kgwebo ya gagwe e ya tlase. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Pelonomi Gare
Location : MOCHUDI
Event : POTSOLOTSO
Date : 28 Jan 2019




