Banni ba Mmatshitswane tshwenngwa ke tiriso ya ditagi
28 Jan 2019
Banni bangwe ba kgotla ya Mmatshitswane kwa Kanye ba lela ka baithuti ba ba dirisang ditagi.
Fa ba bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile, ka Labone, banni ba boletse fa ditagi di na le seabe se se tona mo kwelo tlaseng ya maduo a ditlhatlhobo.
Mongwe wa banni Rre Ketshotse Gaolatlhe o ne a tlhalosa fa dikgang tsa tiriso ya ditagi di atile mo dikolong a tlatsa ka gore e ne ya re bosheng ga tshwarwa baithuti ba le lesome le boferabobedi kwa sekolong se segolwane sa Mookami ntateng ya ditagi.
O ne gape a kgala batsadi ba ba neelang bana ba bone ditagi gore ba di rekisetse baithuti ba bangwe kana ba ba dumelang go ya go rekela bana ditagi tseo ka nako ya sekolo.
Rre Gaolatlhe o ne gape a supa fa a tshwentswe ke go ikgogela morago ga batsadi mo thutong ya bana ba bone ka jaana ba sena kgatlhego epe
Banni bangwe ba ne ba bolela fa go tlhoka matlwana a borutelo go digetse kwa tlase maduo a baithuti ba Sebego morago ga gore kago ya matlhatlhaganyane e ba neng ba tsenela mo go yone e ranyege ngogola.
Le fa go ntse jalo, bangwe ba ne ba tlhalosa fa go tlhoka dibuka le didiriswa jaaka dipene, matlwana a boitiketso le gone go nnile le seabe se setona mo maduong a bone.
Ba ne ba tlhalosa gore seemo se, se ne sa dira gore batsadi bangwe ba seka ba nna le kgatlhego ya go ntsha madi a ditlhabololo tsa sekolo ka jaana ba ne ba re bana ba bone ga ba rutiwe.
Ka jalo, ba ne ba kopa mmuso go gagamatsa molao gore botlhe ba ba ka fitlhelwang ba rekisa motokwane kana ba na le seabe sengwe ba otlhaiwe thata.
Mo go tse dingwe, banni ba ne ba akgola mmuso go bo o tsweletse ka go tsaya megopolo mo Batswaneng ka molao kakanyetso wa bogodu jwa leruo.
Mme Obena Kagiso le ene o ne a supa fa a sa jesiwe diwelang ke ditsheko tse di atlholwang kwa ga mmakaseterata, ka jaana baikuedi ba felela ba lebagana le diagente mo a reng go mo utlwisa botlhoko le go feta ka jaana ba felela ba latlhegelwa ke ditsheko ntswa ba utswetswe.
Ka jalo, ba ne ba kopa gore dikgang tsa bogodu jwa leruo di busediwe kwa dikgotleng tsa setswana
Fa a tswa la gagwe, Rre Kesupile o ne a kopa tshwaragano magareng ga batsadi, barutabana, baithuti, le bogosi gore thuto e tle e tokafale.
Mopalamente Kesupile a re mo molaong kakanyetso wa leruo, Batswana ba ba utswang le ba ba amogelang leruo la bogodu ba tlaa nna le ditsheko tse di farologaneng.
A re ba ba utswang lantlha ba tla atlholwa dingwaga tse di magareng ga lesome le lesome le bobedi fa yo utswang la bobedi a tla atlholwa di le lesome le botlhano fa ba ba nang le seabe bone ba tla tsena dingwaga di le tlhano mo toronkong.
O ne a bolelela banni gore pele ga modira molato a ka ya toronkong, o tshwanetse go duela madi a leruo le a neng a le utswile a tlatsa ka gore dirukutlhi tsotlhe tse di ka lobang dithoto tsa bone gore ba seka ba duela ba tla di gama ba sa di tlhapela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mmoloki Mauco
Location : KANYE
Event : phuthego ya kgotla
Date : 28 Jan 2019




