Breaking News

Kgosi Mphoeng o tshwentswe ke dipolao

28 Jan 2019

Kgosi Maureen Mphoeng wa Mmadinare kwa kgaolong ya Legare o kopile banni ba motse oo go thusa go tshwara dilalome tse di bakileng dintsho tsa bomme ba babedi.

Mo potsolosong, Kgosi Mphoeng o tlhalositse fa bomme ba ba dingwaga tse di masome a ferabobedi le boraro le wa tse di masome a ferabobedi le bone ba ne ba robetse mmogo mo ntlong, mme dilalome di ne tsa ba tlhasela mo di feletseng di ba gapela matshelo.

A re mapodisi ga a ise a tshware dilalome tseo, mme a kopa morafe go thusa. O supile fa go setse go nnile le ditiragalo tsa polao ya batho di le tlhano fa gare ga kgwedi ya Ngwanatsele, 2018 le Hirikgong mono ngwaga.

Kgosi Mphoeng a re go belaesega fa dipolaano tse dingwe tse pedi e ne e le tsa marato ka borre ba ne ba bolaya bakapelo ba bone, mme mongwe wa bone a ikgapela botshelo fa yo mongwe a le mo atleng tsa mapodisi.

Kgosi o ne a supa matshwenyego ka ditirafalo tsa go tlhoka tsebe ga banana ba motse wa gagwe. A re go thubiwa ga matlo go ile magoletsa, a supa fa se se rotloediwa ke go tlhoka dipone tsa mo mokgwatlheng.

 A re se se tshwenyang ke gore ba dira-melato ba a tshwarwa, mme morago ga malatsi ba bonwe ba tlhakatlhakane le batho, a supa fa se se sa siamela ba masika a ba ba amegileng.

Mo go tse dingwe, o ne a supa fa kgaolo ya gagwe e tlhasetswe ke ditlou, mo di setseng di utlwalelwa kwa mafelong a di sa tlwaelesegang go tsamaela kwa go o ne jaaka meraka ya Moshakabela le Semotswane.

A re se se tsenya letshogo ka di baka tshenyo.

Mokwaledi kwa ofising ya mopalamente wa Mmadinare, Rre Moseki Moseki, o ne a sedimosa fa ditlhabololo di le teng le fa di tla ka go rotha.

Rre Moseki a re bontsi ja ditlhabololo ke tse di dirwang ka madi a ditlhabololo tsa dikgaolo.

O ne a tlhalosa fa di tsweletse e bile dingwe tsa tsone di setse di fedile jaaka dipone tsa mo mokgwatlheng le matlo a mapodisi a ba setseng ba a neetswe go a dirisa a le matlhano a komiti ya ditlhabololo tsa motse.

O supile fa motlobo wa dibuka o le mo legatong la bofelo. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : POTSOLOTSO

Date : 28 Jan 2019