Breaking News

Banni ba lela ka seemo sa kokelwana

28 Jan 2019

-Banni ba Shadishadi kwa kgaolong ya Kweneng ba kopile gore kokelwana ya motse oo e godisiwe. Kopo e, e dule mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mogokaganyi wa ditlhabololo, Mme Tshepiso Setlhare.

Mongwe wa banni, Rre Samuel Gaogape, a re kokelwana e nnye ebile e tlhaela ditlamelo jaaka fa batho ba ka nnang teng ba letile go tsena kwa bongakeng.

O ngongoregile gape gore ntlwana ya tlhatlhobo ga e tswalege lebati mme seo se dira gore molwetse a seka a nna le sephiri.

Rre Gaogape a re ka jaana kokelwana e etelwa ke balwetse ba le bantsi, e tshwanetse go nna le ditlamelo tse di lebaneng.

O tlhalositse gore  ntlo ya mooki e e gaufi le kokelwana e makgasa, selo se se pateleditseng mooki go hirisa kgakala le kokelwana.

A re seemo se, se a tshwenya ka gore fa go na le diemo tse di tlhokang thuso ya potlako ga ba kgone go di bona ka mooki a nna kgakala.

Mme Kagotsame Kefurilwe ene o kopile gore sekole se segolwane sa Macheng se tlhabololwe se nne le mophato wa bone le botlhano.

O tlhalositse gore bana ba bone ga ba fetsa lokwalo la boraro ba dumelelwa kwa dikoleng tse di kgakala mme seo se tlhoka madi a mantsi.

 A re le fa gona le diphuthego kwa dikoleng, ga go motlhofo mo batsading gore ba ka ya go emela bana ba bone ka go le kgakala.

A re motsadi mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le seabe mo thutong ya ngwana wa gagwe ka jalo sekgala se seleele se ba itsa go diragatsa maikarabelo a bone. Mme Setlhare o tlhaloseditse banni fa ditlhabololo di tsaya lebaka ka gore madi a a tlhaela.

O gakolotse morafe go ikopanya le lephata la botsogo le boitekanelo gore seemo sa kokelwana se baakanngwe ka bofefo. A re ntlo ya mooki e tlaa tsenngwa mo lenaneong la Ipelegeng gore e baakanngwe ka lone ka madi a teng a tswa ka bonako gona le madi a mangwe a ditlhabololo.

 O tlhalositse gore ba tlaa dira ditshekatsheko go bona gore ntlo eo e ka baakanngwa jang.

Mme Setlhare o solofeditse gore o tlaa fetisetsa kopo kwa bagolwaneng ba ba maleba ba thuto gore sekole sa Macheng se okediwe mephato.

A re ke boammaruri bana ga ba a tshwanela go dumelelwa kwa dikoleng tse di kgalala le metse ya bone, ka jalo seemo se, ba tlaa tshwanelwa ke go se baakanya ka bonako ka banni ba tswa kgakala ba ngongorega ka sone.

Mme Setlhare o kopile banni gore banne pelotelele ka go se motlhofo gore ditlhabololo di ka diragala mo sebakeng se sekhutshwane. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : SHADISHADI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 28 Jan 2019