Banana ba maoto a tshupa go akola mananeo
27 Jan 2019
Banana ba kgaletswe go nna maoto a tshupa mo go diriseng mananeo a a ka tokafatsang matshelo a bone.
Mafoko a, a builwe ke mookamela ofisi ya dithuso tsa banana kwa Lerala, Mme Jacqueline Seumako mo potsolosong le BOPA bosheng.
Mme Seumako o tlhalositse fa ofisi ya banana e e kwa Lerala e okametse kgaolwana ya botlhophi ya Lerala/Maunatlala, mme banana ka bontsi ba sa dirise ditlamelo tse di atameditsweng fa go bone di tshwana le mananeo a a ka ba tlhamelang ditiro a ba ntsha mo lehumeng.
A re bontsi jwa banana ga ba supe kgatlhego go itse ka ditlamelo kgotsa mananaeo a ofisi eo e e tibagantseng le one ntswa e diretswe bone.
O tlhalositse fa ba kile ba tshwara dikgaisanyo tsa ngwaga le ngwaga tsa banana tsa bodiragatsi mme a supa fa kemedi ya banana e ne e le boutsana mo dikgaisanyong tseo.
A re se, se ama maitlamo a ofisi ya gagwe a go rutuntsha banana ka methale e e farologaneng e ka yone ba ka itshetsang mme ba inamola mo lehumeng, mme e re pheleletsong ba thuse mo go lwantsheng letlhoko la ditiro le le tsweletseng ka go golela pele mo lefatsheng leno.
Mme Seumako o boletse fa gangwe le gape banana ba ngongorega, ba supa ka fa mananeo a banana a dithuso tsa madi a ba ketefalelang ka teng mo bangwe ba reng ba felela ba itlhoboga dikopo tsa bone di ise di arajwe.
Ka jalo o ne a kopa banana go nna pelotelele mme ba itshoke go fitlhelela maitlamo a bone a diragala, a tlatsa ka go re go simolola kgwebo go tlhokana le motho a ititeile sehuba a na le lorato le keletso ya go bona a fenya.
O ne a bolela fa baikopedi botlhe ba phadisanya le bangwe ka bone mme fela ka mowa wa bopelotelele le lorato motho a kgona go bona se a eletsang go se fitlhelela.
Ka jalo o ne a rotloetsa banana go itse go le gontsi le go tlhaloganya dikgwebo tse ba ikaelelang go tsena mo go tsone.
O ne a ba rotloetsa gore fa ba sa tlhaloganyeng teng ba kope bogakolodi, selo e a reng e a bo e le legato la ntlha la go supa maikaelelo le maikemisetso a go atlega mo ditirong tse ba ikaelelang go tsena mo go tsone.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Ookeditse Shaw wa Lerala le ene o ne a supa matshwenyego ka mokgwa o banana ba motse wa gagwe ba itshetseng moriti o tsididi ka one fa go tla mo go inaakanyeng le mananeo a a itebagantseng le go tokafatsa matshelo a bone.
Kgosi Shaw o boletse fa a itemogetse fa bontsi jwa banana ba santse ba na le mokgwa wa go rata go thapiwa mme ba sa supe kgatlhego go ka itshimololela dikgwebo, selo se a reng se felela se ama maiteko a puso a go leka go rotloetsa banana go nna bagwebi.
O tlhalositse fa banana ba motse wa gagwe ba le boitseme, ka go sena mabaka ape a a tsepameng gore ke eng ba sa inaakanye le mananeo a ba a diretsweng.
O ne a supa fa ofisi ya banana e bapile fela le bone mo ba sa tlhokeng go tsaya maeto a maleele ba latela diofisi tse di ka ba tswang thuso.
Ka jalo o ne a ba kgothatsa go ema ka dinao go ipetlele bokamoso jo ba ka tsogang ba ikgantsha ka jone.
O ne gape a rotloetsa banana go ikgapha mo borukhutlhing mme ba inaakanye le go akola mananeo a puso.
Kgosi Phoophoo Mapena wa Maunatlala le ene o ne a supa ngongorego ka banana bangwe ba motse wa gagwe ba a reng ba aga ba amega mo dikgannyeng tsa borukutlhi tse a reng di felela di ba senyetsa bokamoso.
Kgosi Mapena o ne a rotloetsa banana go ititaya ka thupana go tsaya mananeo a puso a a itebagantseng le go tokafatsa matshelo a bone ka a re ke gone fela ba ka ikgaphang mo melatong e mesesanyane.
O ne gape a kopa le bone batsadi go rotloetsa bana ba bone go tsaya boikarabelo jwa matshelo a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Juliah Kotlhao
Location : LERALA
Event : Potsoloso
Date : 27 Jan 2019




