Bagwebi ba Letlhakeng ba kopa thotloetso
27 Jan 2019
Bagwebi ba ba botlana kwa kgaolong ya Letlhakeng ba kopile morafe ga mmogo le puso go ba rotloetsa.
Mo potsolotsong bosheng, bagwebi bao ba ne ba tlhalosa fa go le botlhokwa gore morafe o ba eme nokeng ka e le bana ba bone e bile ba ka tsoga ba tlhabolola metse fa dikgwebo tsa bone di sena go gola, gape go ka seke ga tswae ope kwa ntle go tla go godisa dikgwebo tsa bone.
Mongwe wa bagwebi bao Rre Ephraim Keboatlholetswe wa Sesung a re gore motse o gole le go tlhabologa ke fa o na le dikgwebo tse di dirang sentle.
A re kgwebo ya gagwe e itebagantse le go lomaganya ditshipi, go dira dimausu, go dira dikotsekara le tse dingwe.
A re ka jaana kgwebo ya gagwe e direla kwa motseng o o nang le palo e nnye ya batho, ga e dire sentle ka e tlhaela thotloetso.
O kgothaditse morafe go ba ema nokeng gore dikgwebo tsa bone di itshetlele ka e le tsone tse di ba tshedisang e bile di berekela motse.
Mme Ntumelang Mokgwapha kwa Serinane yo o gwebang ka semausu le ene o ne a kopa banni ba motse oo go mo ema nokeng mo ka kgwebo ya gagwe ka e le yone e santseng e tshwere motse e bile e mo tshidisa.
A re Serinane o santse a tlhaelwa ke marekisetso a dijo, ka jalo kgwebo ya gagwe e thusa go kgaola banni maoto go ya go reka tse ba di tlhokang bokgakala jwa Letlhakeng le Molepolole.
A re gore kgwebo ya gagwe, e a e simolotseng ka thuso ya ba nyeletso lehuma, e gole ke fa morafe le one o ka mo rotloetsa.
O kopile morafe go tlogela mowa wa go huhegela go rotloetsa dikgwebo.
A re seo se ka felela se itsa motse go gola.
Bagwebi bao ba ne ba kopa puso go nna le seabe mo dikgwebong tsa bone ka go ba buelela le bareki ga mmogo le go ba godisa ka thotloetso ya madi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goitseone Tlhware
Location : LETLHAKENG
Event : Posolotso
Date : 27 Jan 2019




