Banni ba kopilwe go tlhokomela masimo
27 Jan 2019
Mopalamente wa Letlhakeng-Lephepe, Rre Liakat Kablay o kopile banni ba Malwelwe go tlhokomela masimo a bone le go sala ditaelo tsa balemisi morago gore ba tokafatse thobo.
Rre Kablay o ne a tlhalosetsa banni kwa phuthegong ya go lekola kgaolo le go tsaya megopolo go e isa kwa palamenteng e e tlang.
A re puso e dirisa madi a mantsi go ba neela dipeo le go ba duelela temo e le tsela ya go fokotsa lehuma le le apereng lefatshe.
A re ka jalo balemi le bone ba tshwanetse go supa tlhoafalo, mme a gakolola le barui go disa ka natla go itsa gore leruo la bone le senye kwa masimo.
E rile a amogela baeng, Kgosi Bokau Tobe wa Malwelwe a lebogela mopalamente wa bone go nna a ba lekola, mme a supa fa a sa jesiwe diwelang ke go tlhoka motlakase mo diofising tsa kgotla.
Kgosi Tobe o tlhalositse gape fa ba sale ba kopile go atolosediwa kokelwana gore e nne le ntlo ya pelegi, mme a re seemo se, se a tshwenya ka jaana bontsi jwa bomme ba felela ba belegela kwa malwapeng mo go leng diphatsa.
Modulasetilo wa lekgotla la ditlhabololo la motse, Mme Merapelo Bakae ene o ne a lebogela go bo ba setse ba neetswe didirisiwa tse di foromang ga mmogo le leobo le ba yang go berekela mo go lone, a tlhalosa fa seo se tlaa tokafatsa matshelo a batho ba motse.
Mme Bakae o lebogetse gape go bo kopo ya bone ya go okelediwa dikago tsa sekole e atlegile.
Mongwe wa banni ba motse, Mme Sekana Keolebogwe yo e leng sethakga sa kopelo, a re o tlhamile pina ya Mahala mahala e bile e nna fela e opelwa mo seromamoweng sa Botswana, begolo jang ka Tshipi mo thulaganyong ya dipina le maboko mme puso ga e a mo leboga ka sepe.
O kopile gore a lemogwe a bo a rotloediwe gore a kgone go gatisa pina eo go direla gore bareki ba mo atswe.
E rile a ntsha mafoko a tebogo, Rre Donald Moshobori a rotloetsa banni ba Malwelwe go tsena diphuthego ka dipalo tse di kwa godimo ka jaana dipotso le dikakgelo tsa bone e le tsone di ka kgonang go tlhabolola motse.
Go tswa kwa Malwelwe, Rre Kablay o ne a buisa phuthego kwa kgaolwaneng e e mabapi ya Maratswane kwa banni ba supileng fa ba sa jesiwe diwelang ke letlhoko la kokelwana.
Kgosana wa kgaolwana eo, Rre Lekgela a re go tlhoka kokelwana moo go ba baya ka fa mosing ka jaana molwetse o kgona go tlhokafala go santse go tabogilwe le go kopa ba dikoloi go mo tabogisetsa kwa kokelwaneng e e gaufi kwa Malwelwe.
O tlhalositse gape fa ba sokodisiwa ke metsi mo kgaolwaneng eo ka ba nosiwa ka koloi.
A re le ditlhabololo di saletse morago ntateng ya letlhoko la metsi le mororo ba sale ba laetswe go rema tsela e e yang kwa sedibeng gore ba atamelediwe metsi.
E rile a tsibogela dilelo tsa bone, Rre Kablay a supa fa a kile a kopana le ba Water utilities mme ba tlhalositse fa tiro ya go ba atameletsa metsi e tshwanetse ya similola mo nakong e e sa fediseng pelo.
Rre Kablay o tlhaloseditse morafe fa kgaolwana ya Maratswane e tshwanetse go tsenngwa motlakase. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Amolemo Moeng
Location : MALWELWE
Event : kgotla meeting
Date : 27 Jan 2019




