Breaking News

Tiriso ya motokwane ga e robatse mapodisi kwa Tshesebe

27 Jan 2019

Mookamela mapodisi a Tshesebe, Superintendent Amos Kekgathetse, a re ga ba robatswe ke batho ba ba rekisang motokwane.

Supt Kekgathetse a re lentswa batho ba itse gore tiriso ya motokwane ga e letlelelwe, go a tshwenya ka jaana bangwe ba tsweletse ka go fitlhelwa ka  one.

A re se se ngomolang pelo ke gore tiriso ya motokwane e setse e jweleletse kwa dikolong.

O ne a bua mo potsolotsong morago ga tiragalo e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mane le bone wa Jackalas No 1 a neng a fitlhelwa ka setlhatshana se go belaesegang e le motokwane le metsokwe e mengwe e e sa letlelelweng.

Supt Kekgathetse a re monna yoo, o ne a tshwarwa kgwedi eno e le masome a mabedi le boraro ka nako ya lesome le bobedi bosigo a eme fa tlhoko ga tsela kwa Tsamaya.

A re e ne ya re fa mapodisi a phuruphutsa koloi ya monna yoo, ba fitlhela setlhatshana seo sa selekanyo se se ka tshwarang 800 grams go ya kwa go 1kg.

Supt Kekgathetse o tlhalositse fa setlhatshana seo se santse se isitswe go ya go tlhatlhojwa go tlhomamisa fa e le motokwane, mme mmelaelwa o tlaa isiwa fa pele ga lekgotla la ditsheko la ga mmakaseterata kwa Masunga.

A re fa a ka bonwa molato, o ka atlholwa madi a a seng ka fa tlase ga P15 000 kgotsa a ya kgolegelong e e magareng ga dingwaga tse tharo le botlhano fa a ka palelwa ke go duela madi ao.

E re dikgang di eme jalo, Supt Kekgathetse o boletse fa ba tshwenngwa ke batho bangwe ba ba nang le mokgwa wa go begela mapodisi dikgang tse di seng buamaruri.

A re motho wa go nna jalo, o ka lebisiwa molato wa go neela modirela puso pego e e seng buamaruri.

A re e ne ya re kgwedi eno e le masome a mabedi le bobedi mosadi mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le bobedi wa Mapoka, a bega fa a beteletswe ke monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mane le boferabongwe wa Moroka.

A re le fa gontse jalo, e ne ya re fa mapodisi a ntse a tsweletse ka ditlhotlhomiso, mosadi yoo a tswa ka nnete a tlhalosa fa ba ne ba dumalana le rre yoo, ka jalo o sa tswa go lebisiwa molato wa go neela badirelapuso pego e e seng buamaruri.

Supt Kekgathetse a re mosadi yoo o ka nna a lebanwa ke katlholo ya dingwaga tse di sa feteng boraro mo kgolegelong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : TSHESEBE

Event : POTSOLOTSO

Date : 27 Jan 2019