Botshoma o itlhaopela go rotloetsa Nyangabgwe
27 Jan 2019
Sekolo se sebotlana sa Nyangabgwe kwa Francistown se ne se tshwere moletlo go amogela Rre Thabang Botshoma jaaka morotloetsi wa sone.
Mogolwane wa lephata la thuto go tswa kwa moding, Rre Vumani Luckson, a re go a lebosega go bona Batswana ba ithaopela go thusa dikolo dingwe.
O boleletse ba tsena moletlo fa lenaneo la go thusa dikolo le simolotswe ke puso ka ngwaga wa 2012 morago ga go lemoga dikgwetlho tsa letlhoko la madi go tsamaisa dikole.
A re se se dirilweng ke Rre Botshoma ke thuto mo Batswaneng ba bangwe le dikhamphani gore le bone ba ikiteye ka thupana go thusa puso mo tsamaisong ya puso.
“Bokgoni jo Rre Botshoma yo o kileng a etelela maphata ka go farologana pele jaaka la tepo loapi go tla a thusa go isa sekolo sa Nyangabgwe golo gongwe.”
Mogokgo wa sekolo sa Nyangabgwe, Mme Boingotlo Chaba, o tlhalositse fa go ithaopela go ema nokeng sekolo seo ga ga Rre Botshoma go tsile ka nako e e maleba ka sekolo seo se na le letlhoko le lentsi thata.
A re sekolo seo se na le baithuti ba le sekete le barutabana ba le masome mararo le boraro mme botlhe ba dirisa sebala makgolo le printer ele nngwe ; selo se a reng se kgoreletsa tiro ya barutabana.
A re mo nakong eno bana ba ithuta ba kgotlhagane mo matlong a borutelo e bile bontsi jwa dikago tsa sone di onetse ka ele sengwe sa dikolo tse dikgologolo kwa Francistown.
E rile a ntsha la gagwe, Rre Botshoma a tlhalosa fa a tsere tshwetso ya go nna morotloetsi wa sekolo sa Nyangabgwe ka ele sone se a simolotseng dithuto tsa gagwe mo go sone ka ngwaga wa 1971.
Rre Botshoma a re o tla ema sekolo sa Nyangabgwe nokeng ka go se kopela dithuso go tswa mo setshabeng le dikhamphani ka go farologana.
Rre Botshoma, yo e leng mothusa mokwaledi kwa lephateng la tikologo, diphologolo le bojanala o ne a itlama go dirisanya sentle le bogogi jwa sekolo sa Nyangabwe le komiti ya batsadi le barutabana go netefatsa gore sekolo se bona maduo a a itumedisang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Festus Outule
Location : FRANCISTOWN
Event : POTSOLOTSO
Date : 27 Jan 2019




