Lephephe o lela ka tiego ya mananeo
27 Jan 2019
Mopalamente wa Letlhakeng/Lephephe, Rre Liakat Kablay, a re o tshwenngwa ke gore Batswana bangwe ga ba akole mananeo a puso ka ntata ya boitseme jwa badirela puso bangwe.
Rre Kably o buile jalo fa a tsibogela selelo sa banni ba Lephepe mo phuthegong ya kgotla bosheng.
Banni ba ne ba lela ka tiego ya ditiro dingwe tsa ditlhabololo, go tlhoka tsamaiso e e lolameng ya mananeo a go thusa batlhoki le nyeletso lehuma.
Rre Kably o tlhalositse fa go sa tlhamalala gore motlhoki a phimolwe mo lenaneong la go phakisiwa dijo go lebilwe mofuta wa dikago tse di mo lwapeng.
“Goromente o ikanne go thusa batlhoki, ka jalo o rumile ba boipelego go sekaseka le go tlhopha batswa setlhabelo ba ba maleba go thusiwa. Mme go thokega gore ba boipelego banne le bosupi pele ba phimola batlhoki mo go phakeng dijo. Morafe ga wa tshwanela go swa ke tlala go lebilwe gore ba agile jang mo lapeng,” ga bua Rre Kably.
O ne a kopa batlhokomedi ba bana ba masiela go tsaya boikarabelo jo bo netameng go netefatsa gore bana ba babalesegile.
A re ke yone fela tsela ya go netefatsa gore dithuso tsa puso di na le mosola mo morafeng.
Mopalamente Kably o ne a kgalela khansele go goga maoto go dira ditiro tsa morafe, a re ba khansele ba kaya fa ditiego di bakiwa ke gore bagwebi ba maoto a tshupa.
O ne a akgela mo ngongoregong ya mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Lydia Nkwemabala yo o neng a supa ditiego tsa ditiro tsa khansele tsa paakanyo ya ntlo ya peelo ya dipeo, kago ya mantlwana a borutelo le maobo a kgotla.
“Le nna ke itemogetse fa go sena tswelelo pele mo mananeong a nyeletso lehuma ka jalo ke itlama go tsaya selelo sa lona mohago go latela ba ba maleba gore ke latedise kgang e.”
Rre Kably o ne a gakolola banni go tsaya ka thlwaafalo dikgakololo tsa balemisi tse di tlaa ba fang lesedi la go itse gore ba lema dijwalo tsa mofuta mang tse di ka kgonang go itshetela mo seemo sa loapi se se sa iketlang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gosaitse Ditsele
Location : LEPHEPHE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 27 Jan 2019




