Breaking News

Molao o tlhalosetsa batlhophi ka paakanyo ya molao wa leruo

24 Jan 2019

Mopalamente wa Shashe Bophirima e bile e le mothusa tona wa thuto e kgolwane, dipatlisiso, boitsaanape le boranyane, Rre Fidelis Molao o tlhaloseditse banni ba Matsitama le Jamataka fa palamente e dumalane ka paakanyo ya molao wa bogodu jwa leruo.

Fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng eo bosheng, Rre Molao o ne a supa fa  molao oo o tlaa akaretsa go oketdiwa ga katlholo go tswa mo dingwageng tse di lesome go ya kwa go tse di lesome le bobedi le gore ope yo o nnileng le seabe mo bogodung joo o tlaa otlhaiwa fela jaaka yo o utswileng.

A re molao oo gape o tlaa dira gore dithoto tse di dirisitsweng mo bogodung di akaretsa tlhobolo, koloi le tse dingwe di gapiwe.

Rre Molao a re seo se dirilwe go araba matshwenyego a barui tebang le bogodu jwa leruo jo bo jesetsang barui mo kgobedung.

O ne gape a gakolola balemi go ikokoanya gore ba tsenye kopo ya go ka agelelwa masimo ka terata gore ba kgone go bona thobo e e rileng.

Kwa Matsitama banni ba ne ba lela ka tsela ya Matsitama/Lepashe e e lekgarapana e ba boletseng e ba senyetsa dikoloi.

Ba re fa tsela eo e gopiwa e sa tshelwe metsi le mmu, matlapa a a pitikologa a felele a dira gore tsela e nne borai mo dikoloing.

E ne e rile pele, fa a amogela baeng, Kgosi Reuben Ketlhobogile wa Matsitama a leboga lenaneo la madi a dikgaolo tsa botlhophi.

Kgosi Keletlhobogile o ne a supa fa morafe wa gagwe o na le tsholofelo e ntsi ya gore motse wa bone o tlaa tswelela o bona ditlhabololo fa lenaneo la madi a dikgaolo tsa botlhophi le ka tswelela.

O ne gape a lebogela tshwetso e e tserweng ke ba lephata la merero ya setshaba, boagedi le bong gore batho ba ba dirang karata ya Omang, bogolo jang bagodi ba supelwe ke balekane ba bone.

Kgosi a re pele ga phetogo eo go ne go twe mosupi a nne dingwaga tse di lesome go feta yo o supelwang.

A re seo se ne se dira gore bangwe ba tshwaragane le bothata  ka batho ba go nna jalo ba ne ba sa tlhole ba le teng mo botshelong.

O ne gape a lebogela lenaneo la ISPAAD a re mme sebe sa phiri ke leruo le le ba senyetsang kwa masimo ka le le lentsi mo motseng.

Kwa Jamataka banni ba ne ba lela ka letlhoko la motlakase, ba re ba tswa kgakala ba lela ka kgang eo.

Ba ne gape ba lela ka tlhaelo ya ditshukudu tsa temo ba bolela fa ba tlaa dika ba siilwe ke bokgola.

Fa a araba mangwe a matshwenyego a banni, Rre Molao o ne a bolela fa tsela ya MatsitamaLepashe e tlaa tshelwa lekgarapana monongwaga, a tlhalosa fa dithulaganyo tsa go e dira di tsweletse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Matsitama

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 24 Jan 2019