Royal Pioneers e lekodisa Bakgatla ka marang a mafaratlhatlha
24 Jan 2019
Rre Nchidzi Butale wa kgwebo ya Royal Pioneers Investment o ne a lekodisa Bakgatla ka maranyane a mafaratlhatlha a a tlaa dirwang mo Mochudi kwa kgotleng ya Mabodisa mo phuthegong e e neng e tshwerwe bosheng.
Rre Butale o tlhalositse fa ba lephata la tsa ditlhaeletsanyo la Botswana Communications Regulatory Authority (BOCRA) le bone go le botlhokwa gore le romeRoyal Pioneers go tla go tlhalosetsa Bakgatla ka botlhokwa jwa mafaratlhatlha a.
A re maranyane a, a a tlaa agwang go bapa le masimo a Mmaesoke, a tlaa tsaya bophara jwa 10m le boleele jwa 50m. O ne a kaya gore maranyane a a ka nna botlhokwa mo go iseng molaetsa mo nakong e khutshwane fa batho ba bua ka mogala e bile a ka thusa gore Botswana a kgone go phadisanya le mafatshe a mangwe fa go tla mo go tsa ditlhaeletsanyo.
“Maranyane a BOFINET RLU1 le a RLU2 a ya go dirisa mafaratlhatlha a gore bana ba kgone go rutwa ba dirisa dibalamakgolo mo dikoleng, ka jalo go botlhokwa gore mafaratlhatlha a a okediwe ka motse o gola ngwaga le ngwaga,” Rre Butale a tlhalosa.
Le fa go ntse jalo, Rre Butale o ne a supa fa kakanyetso ya kago ya mafaratlhatlha e fetile pele ka ba khansele, ba tsa merero ya tikologo gammogo le bone ba BOCRA, ka jalo e se selo fela se se ikakanyeditsweng.
A re ba BOCRA ba kaile fa kgaolo ya Mochudi e sokola ka maranyane a ditlhaeletsanyo, ka jalo kago ya mafaratlhatlha e tlaa ba solegela molemo.
Mongwe wa batsena phuthego eo, Mme Dineo Ramaabya o ne a batla go itse ka bodiphatsa jwa mafaratlhatlha a le gore Bakgatla ba tlaa bo ba sireletsegile go le kae fa maranyane a a sena go agwa.
Rre Tladi Kutlapye, yo le ene a neng a tseneletse phuthego e o ne a batla go itse gore go bogaufi bo kae gore mafaratlhatlha a a bo a agilwe le gore a kago ya mafaratlhatlha e tlaa solegela banana ba Bakgatla ba ba sa berekeng molemo jang.
E rile a ba kgwa dikgaba, Rre Butale a re BOCRA e tlhalositse fa maranyane a a tlaa bong a tswa mo mafaratlhatlheng a ka seke a nne borai gotlhelele mo matshelong a bone ka a na le Electromagnetic Frequency e e dirang gore a seka a nna diphatsa.
O ne a tlhalosa gore e tlaa re morago ga pego e sena go dirwa, rakonteraka a begwe mo go bone e be tiro e simolola mo lebakeng la dikgwedi tse tharo go ya go tse thataro
Rre Butale a re kompone e e tlaa bong e filwe tiro ya go aga mafaratlhatlha a, e tlaa tla ka baitseanape ba yone mme e oketse ka go hira banana ba Bakgatla e le ntlha nngwe ya go thibela letlhoko la ditiro.
Fa a tswalela puisanyo e, Kgosi Letuwe Mosweu o ne a nesetsa mafoko a ga Rre Butale pula, a tlhalosa fa a amogela ditlhabololo tse mo motseng wa gagwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Pelonomi Gare
Location : Mochudi
Event : Phuthego
Date : 24 Jan 2019




