Tlou o gatetse pele ka temo ya ditlhare
15 Jan 2019
Mme Goithoma Tlou wa kgotla ya Kgopa-Boseja kwa Thamaga o inaakantse le kgwebo ya temo ya ditlhare.
Fa a bua mo potsolotsong, Mme Tlou yo o dingwaga di masome a supa le bongwe, o tlhalositse fa a tswa kgakala a rata ditlhare, ka jalo a tsaya tshwetso ya go itshetsa ka tsone.
A re o simolotse go rata ditlhare nako e e neng e le morutabana ka ngwaga wa 1982, mme ka nako eo a di lemela go kgabisa lelwapa la gagwe.
O tlhalositse gore morago ga go tlogela tiro ka bogodi, o ne a tlhagafalela go di lema ka bontsi gore a rekise.
Mo nakong ya gompieno, Mme Tlou o lema ditlhare ka mefuta ya maungo, mekgabisa le meriti.
O tlhalositse fa ditlhare di tlhoka lerato, ka jalo o di lekola phakela mongwe le mongwe a bo a di nosetse le go di tlhagolela.
A re se, se mo fa sebaka sa go lemoga makoa a tsone le go itumela ga tsone.
A re go tlhokomela ditlhare ke tiro e ntsi mme ka ele selo se a se dirang letsatsi le letsatsi, go motlhofo mo go ene.
Mme Tlou o tlhalositse gore kgwebo e tsweletse sentle ka a setse a na le bareki mme e bile o bona dipoelo tse di nametsang.
A re letsatsi la bagwebi ba ba botlana la ba lekalana la Local Enterprise Authourity (LEA) le le nnang kgwedi le kgwedi kwa marekisetsong a Mafenyatlala kwa Molepolole le tsweletse ka go motswela mosola mo kgwebong ya gagwe ka a bona dipoelo tse di nametsang go feta malatsi otlhe. O tlhalositse fa letsatsi leo le mofa sebaka sa go ithuta mo bagwebing ka ene, ka ba neelana maele, ditlhotloetso le botsipa jwa go tsamaisa kgwebo ya bone.
Le fa gontse jalo a re o lebanwe ke dikgwetlho tse di akaretsang go tlhaela ga metsi, ditshidi tse di jang ditlhare ga mmogo le kgaisanyo ee kwa godimo ya bagwebi ba temo ya ditlhare.
Mme Tlou a re maikaelelo a gagwe ke go nna le tshingwana ya ditlhare e kgolwane gore a tle a kgone go rekisa mefuta ya ditlhare ka bontsi le go thamela banana ditiro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : THAMAGA
Event : Potsolotso
Date : 15 Jan 2019




