Thotloetso pinagare ya kgwebo
15 Jan 2019
Go sa boneng thotloetso le mmaraka ga dikgwebo segolo jang tse di potlana go felela go dira gore beng ba dikgwebo ba kgobege marapo.
Fa go sena thotloetso e dikgwebo di ka ikaegang ka yone, di felela di phutlhama mme seo se dire gore maiteko a bagwebi a folotse.
Mongwe wa bagwebi ba ba lelang ka letlhoko la mmaraka ke Mme Goitsemang Dibere wa Molepolole, yo o dirang kgwebo ya makgabisa a Setswanajaaka megopo le di nkgwana ka go dirisa pampiri le dipeo tsa ditlhare. Mo puisanyong bosheng, Mme Dibere o tlhalositse fa go tlhoka thotloetso le mmaraka go baya kgwebo ya gagwe ka fa mosing.
A re mo nakong eno, kgwebo ya gagwe ee nang le ngwaga di le nne, e sa ntse e sokola ka ga ise e fitlhe fa a batlang e ka nna teng mme a gatelela fa a batla go bona kgwebo ya gagwe e godile e bile e na le mmaraka oo kgotsofatsang.
Le fa go ntse jalo, Mme Dibere o supile fa a sa ipone tsapa ka go nna a ipapatsa mo motseng, ka jaana go santse go le thata gore a bone bareki.
O tsweletse a supa gore o kgona go tsena dikgaisanyo tsa bagwebi e le tsela nngwe ya go ipapatsa mme a gatelela fa di mo thusa thata ka jaana a kgonne go fenya a ba a atswiwa ka lemmenyana le a kaileng fa le kgona go mo isa golo gongwe.
O gateletse gore, e re le ntswa a lebanwe ke dikgwetlho, go motlhofo go bona didirisiwa tsotlhe tse di tlhokang go dira dithoto tsa gagwe.
Mme Dibere a re gantsi o tsamaya a sela di pampiri go di busetsa mo tirong le go phepafatsa tikologo.
O tlhalositse fa gantsi dipeo tsa ditlhare tsone di bonala mo di jarateng mme a kaya fa nako e ntsi fa a bona peo e a e tlhokang o tsena mo lwapeng leo go kopa tiro ya go feela ka maikaelelo a go kgobokanya dipeo tseo.
A re tiro eo, o e simolotse morago ga gore a bone mme mongwe a dira tiro ya mofuta oo mme a nna le kgatlhego ya go ka e dira gore a kgone go itshetsa ka yone. BOPKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepang Segola
Location : MOLEPOLOLE
Event : potsolotso
Date : 15 Jan 2019




