Breaking News

Ba le bantsi ba inosa moro ka Phane

15 Jan 2019

Seboko sa Phane, se se bonwang ka Mopitlo  le Sedimontlhole, se tlodisa ba le bantsi melatswana.

Mo potsolotsong bosheng, Mme Therezi Aron wa dingwga tse di masome a mane le bosupa o tlhalositse fa a na le dingwaga di ka feta lesome a ntse a bapala phane.

Mme Aron wa kwa Sekokwe a re phane e mo tlodisitse melatswana e le mentsi e bile o santse a tlaa a tswelela a ithusa ka yone.

A re ene ga a nke a ipona tsapa go e tshwara e bile ga a nke a tshwenngwa ke gore diatla tsa gagwe di tlaa tlhabiwa ke mmitlwa.

O tlhalositse fa a tsentse bana ba gagwe dikole ka go rekisa phane, a kgonne go tsenya motlakase, a bo a reka ditonki tse pedi tse a lemang ka tsone.

O ne a kopa ba ba nang le kgatlhego ya go bapala phane go seke ba ipona tsapa.

A re ene ga a je phane mme bana ba gagwe ba a e ja  ka jalo fa a e bapala o itse gore ga ba na go lala ka tlala e bile leene o tlaa oba letsogo.

O ne a lebogela puso go dira molao wa diteseletso tsa go bapala phane, a tlatsa ka gore batho bangwe ba ne ba setse ba koba seboko sa phane ka go e bapala  e sale nnye golo mo a reng go  nyeletsa peo ya yone.

Le fa go ntse jalo, Mme Aron a re mono ngwaga ga a e tshwara e le ntsi ka a simolotse nako e setse e ile.

O ne a rotloetsa batshwari ba phane gore go botlhokwa gore ba sale molao wa go dira tetla ya go tshwara phane go itsa go gotlhagotlhana le molao.

A re ene o e bapala ka phuthologo ka go bo a na le teseletso, a tlhalosa fa go sa thuse gore motho a nne a tshogile mo sekgweng ka a roba molao.

Mme Dipolelo Tshwene ene o tlhalositse fa e le mongwe wa ba ba godisitsweng ka dipoelo tsa phane, mme mo nakong eno le ene a itshetsa ka go e bapala.

Mme Ditshwene a re boleng jwa yone bo botlhokwa fela thata, ka fa a e bapetswe sentle o kgona go rekisa mme gape ba e je mo lwapeng.

E re le ntswa seboko se, se se sentsi mo mafelong ka bontsi, a re ba ne ba ipopa  setlhopha kwa Sekokwe go e  latela kwa masimong a Moletemane kwa kgaolong ya Bobirwa.

O tlhalositse gore le fa ba e latela kgakala le kwa ba nnang teng, dikgwetlho ga di nke di tlhokega, a tlhalosa fa letlhoko la pula e le lone sekgoreletsi.

 O ne a tlhalosa gore phane e na le tiro e ntsi, ka jalo fa pula e nna ntsi ba setse ba se bapetse se gana go oma mme se a bola ka se tlhoka le letsatsi le le ntsi.

A re le ntswa bangwe ba kgona go ja phane e sena go apewa, go botlhokwa thata gore e omisiwe gore e jewe ka lebaka.

Mme Gosaitse Ellias ene o tlhalositse gore e ne e le lantlha a ya go bapala phane.

O tlhalositse fa lephata la diphologolo le ntsha diteseletso nako e setse e ile mme se se ba baya ka fa mosing.

O tlhalositse fa phane e ba thusa thata ka e bile ele bogadi bogaufi ka e se botlhe ba ba e e jang ba ba kgonang go e bapala.

A re le fa e tla gabedi mo ngwageng, e botlhokwa ka e sa kganele motho gore o ka bereka ditiro tse dingwe tsa gagwe.

Rre Boyce Kesentseng wa dingwaga tse di masome a mararo le borataro a re phane e mo namola thata, ka ene a bereka go isa ditlhopha tsa batho kwa  ba a bong ba e latela teng ka koloi ya gagwe.

Rre Kesentseng o tlhalosiste fa gole gantsi a duedisa ka yone phane mo boemong jwa madi gore le ene a tle a ithekisetse ka dipoelo tsa teng di nna botoka.

A re mono ngwaga o ne a nna le lesego le le ntsi ka a ne a kgona go rekisa  diphoisane tsa dilithara tse di masome mabedi kwa baruing ba dikgomo kwa Aferika Borwa.

O tlhalositse fa barui ba dikgomo ba tlhalosa fa ba e rekela go e jesa dikgomo tsa bone ka jaana ba dumela gore se na le dikotla, a re ba tlhalosa fa ba se sila  a bo di ja ele moroko ba kopantse le metswako e mengwe ya bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebalepile Phuthego

Location : SEKOKWE

Event : potsolotso

Date : 15 Jan 2019