Ba lela ka lenyora kwa Dikabeyana
14 Jan 2019
Balemi ba masimo a Dikabeyana ba ikuetse mo mopalamenteng wa bone, Rre Moiseraela Goya, ka letlhoko la metsi.
E rile a lekodisa mopalamente, modulasetilo wa masimo a Dikabeyana, Rre Gagoitsewe Johannes a re letlhoko la metsi le alolela batho kwa magaeng.
Rre Johannes a re se se dira gore ba tlogele dijwalo mo masimong, mme e re kgabagare ba felela ele bakopi.
A re bontsi jwa batho ba masimo a Dikabeyana ga baa ikwadisetsa ditlhopo ka lebaka la gore tante e ne e sa tlhomiwa kwa masimong a bone.
O tswelela a tlhalosa fa banni ba masimo ao ba phaka peo ele ntsi, mme ba felele ba sa e dirisetse se ba se e kopetseng, fa bangwe ba e e fa dikoko, a supa seo e le tshenyetso setshaba.
Balemi ba ne ba supa gape gore masimo a teng a a ka lengwang, mathata ke tlhaelo ya ditshukudu tsa temo mo kgaolong ya bone.
Dikabeyana ke lefatshe le le nonneng thata le le ka ntshang dijo tse dintsi, segolo jang ka dinako tse pula e neleng ka bontsi ka mmu wa bone o tshwarelele bokgola lebaka le le leele.
Rre Johannes a re bogodu jwa leruo bo bontsi fela thata mo masimong a bone, mme bo dirwa ke bana le banni ba masimo ao, mme a kopa mapodisi go ba etela kgapetsa kgapetsa.
Fa a araba, mothusa ramapodisi kwa Palapye Assistant Superintendent Molly Lebala one a kopa balemi ba masimo a Dikabeyana go ba loma tsebe ka borukutlhi jo bo diragalang teng.
E ne ya re a akgela mo go tse a di beilweng pele, Rre Goya o ne a kgothatsa balemi go dirisa lenaneo la ISPAAD le le phunyetsang batho metsi a sennela ruri le go teratela go kgoreletsa leruo go senya fa ba lemile.
O ne gape a ba gakolola go dirisa pula tsa bosheng go lema ka bontsi, ka ba tepo loapi ba tlhalositse fa di tlaa na go fitlhelela kgwedi ya Moranang.
O ne a ba lekodisa gape ka tsa palamente e e sa tswang go wela, jaaka molao kakanyetso wa dikatlholo tsa bogodu ja leruo le go tswa ka maano a go tlhamela batho ba lefatshe leno ditiro, le tse dingwe jaaka thuo ya dikgomo tsa mashi, a re a tlhaela thata mo lefatsheng leno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Zibiso Kenosi
Location : DIKABEYANA
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 14 Jan 2019




