Breaking News

Mapodise a tlhotlhomisa kotsi kwa Makuta

14 Jan 2019

Mapodisi a Tutume a tlhotlhomisa kotsi e mo go yone monna mongwe a neng a bona dikgobalo tse di masisi kwa Makuta mo tseleng ya Tutume/Francistown bosheng.

Mogolwane wa mapodisi a pharakano kwa Tutume, Assistant Superintendent Amos Kurusa, o boletse fa monna yoo, wa dingwaga tse di masome mararo le bosupa a ne a latlhegelwa ke taolo ya koloi mme a thula setlhare beke ee fetileng.

Rre Kurusa a re monna yo o ne a tsamaya ka koloi ya modiro wa Nissan.

A re le ntswa kotsi e, e diragetse gaufi le metse e e bapileng le tsela, ga go ope yo o boneng tiragalo eo, kwa ntle ga bafeti le tsela ba ba neng ba itsese mapodisi.

O tlhalositse fa  go belaesega fa koloi e, e ne e le mo lebelong le le kwa godimo mme mokgweetsi a latlhegelwa ke taolo ya fapoga mo tseleng ya thula setlhare.

A re mokgweetsi yoo, o tlholega kwa kgotleng ya Magapatona mo Tutume.

O tlhalositse fa a ne a ragogedisiwa kwa kokelong ya Nyangabwe kwa a robaditsweng teng, fa ditlhotlhomiso tsa maposidi di tsweletse.

Rre Kurusa o kopile bakgweetsi go kgweetsa ba itekanetse, le gore ba iphe sebaka sa go ikhutsa fa ba lapile, ka letsapa le ka dira gore mokgweetsi a latlhegelwe ke taolo ya koloi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshepo Metsi

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 14 Jan 2019