Botllhokatsebe ga bo jese Kgosi Mooketsane diwelang
14 Jan 2019
Kgosi Boyce Mookotsane wa kgaolo ya Ntloolengwae kwa Molepolole a re gaa jesiwe di welang ke botlhokatsebe jwa banana.
O boleletse BOPA mo potsolotsong fa tiriso ya nnotagi le ditagi e le yone tshoso e rweleng mo botlhokatsebeng, a supa fa banana ba di dirisa phetelela, mme ba felele ba dira dilo tse di duleng mo tseleng, ebile ba sa reetse batsadi ba bone.
A re ba lemogile fa botlhokatsebe gantsi bo diragala kwa dikolong, selo se a kaileng fa se kgoreletsa dithuto.
O tlhalositse fa bosheng a ne a bilediwa kwa sekolong se segolwane sa Motswasele kwa moithuti mongwe a neng a fitlhelwa a tshwere thipa.
O kaile fa a setse a kgwathisitse bangwe ba bontsi jwa bone e leng baithuti, a tlatsa ka gore motsadi mongwe o ikuetse kwa go ene ka botlhoka tsebe jwa ngwana wa gagwe, yo a tlhalositseng fa a ne a itswalela mo ntlong morago ga gore motsadi wa gagwe a re oa mo kgalemela.
Kgosi Mookotsane o boletse fa motsadi wa ngwana yoo wa mosimane yo dirang mophato wa ntlha a tlhalosa fa tiragalo eo e diragetse morago ga gore a fitlhele ngwana wa gagwe ka dithoto tsa madi a mantsi tse a sa itseng kwa di tswang teng.
A re ngwana yoo, o ne a dirisa mafoko a matshosetsi mo go mmaagwe, yoo o feletseng a kua mokgosi.
A re tiragalo ya go tshwana le eo ga se lantlha e diragala mo kgaolong, mme a supa fa bontsi jwa batsadi ba ikuela thata mo diphuthegong tsa kgotla ka botlhokatsebe jwa bana ba bone.
Kgosi Mookotsane a re le ntswa a emisitse go neela batho diteseletso tsa go dira maitiso a bosigo jotlhe mo malwapeng, ba tsweletse ka go a dira ka boferefere mme seo se bake dintwa le dipolaano.
O bile a re borukutlhi le boferefere mo kgaolong ya gagwe di santse di tshwenya thata.
O kgothaditse batsadi go emela bana ba bone ka dinao, a tlhalosa fa borukutlhi bo senya sebopego le go diga seriti tsa lefatshe leno.
A re bana ba tshwanetse ba kgothadiwa go tsena kereke, a tlatsa ka gore lefoko la Modimo le botlhokwa thata mo botshelong jwa motho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepang Segola
Location : MOLEPOLOLE
Event : Potsolotso
Date : 14 Jan 2019




