Breaking News

Banni ba tsibogela dipetelelo

14 Jan 2019

Banni ba metse ya Makwate, Shakwe le Taupye kwa kgaolong ya Mahalapye Botlhaba ba kgadile ba sa kgwe mathe borre ba ba betelelang bomme le bana.

Banni ba buile se mo diphuthegong tsa kgotla di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Mme Botlogile Tshireletso bosheng.

Ba ne ba kopa puso go gagamatsa molao oo itebagantseng le borukutlhi jwa petelelo.

E ne e rile gole pele, Mme Tshireletso a tlhalosa fa dikgang tsa petelelo di apesitse Batswana kobo ka letshoba.

A re dipego tsa sepodisi di supa fa malatsi fa ka boitapoloso a a satswang go wela go gatisitswe dikgang tsa petelelo di le lekgolo le borobabongwe lefatshe ka bophara.

Mme Tshireletso a re ditiragalo tsa thubetso di pateleditse puso go sekaseka molao ka maikaelelo a go gagamatsa dikotlhao.

A re go botlhokwa go tsaya maikutlo mo setshabeng gore phetogo tse di tlaa dirwang mo molaong di kgotsofatse dikeletso tsa setshaba.

Mopalamente Tshireletso a re se se gakgamatsang ke gore masea le bagodi le bone ba betelelwa.

O supile fa sengwe sa dilo tse di tshwenyang e bile se senya ledula mo setshabeng e le go rotloetsa batho go dira ditiro tsa borukutlhi ele tiriso botlhaswa ya nnotagi le ditagi tse di borai ka di sira tlhaloganyo ya motho.

Mme Tshireletso a re pelaelo e ka nna gore bangwe ba borre ba ba betelelang ba ka tswa ba dira seo ba le ka fa tlase ga kgatelelo ya ditagi.

A re le fa pula e tsweletse ka go tshologa, e fa balemi tsholofelo ya gore ba ka lema ba dira dijo go thusa go ntsha lefatshe mo lehumeng, bomme ka bontsi ba go palelwa ka ba tshoga gore ba ka nna ba tlhaselwa ke dilalome tsa mofuta o kwa masimo.

A re se se utlwisang botlhoko le go feta ke gore morago ga go betelelwa bomme bangwe ba bolawa kana ba sale ka dikgobalo tse di masisi.

Mme Tshireletso a re bangwe ba bomme ba ba beteletsweng ba tshela ke letshogo ka jalo ba palelwa ke go tshela sentle le batho ba bangwe, go nyalwa le gone go tshola bana tota.

O ne a kopa bomme le bana ba basetsana gore fa go kgonagalang teng ba fokotse mekgwa e e ka ba tsenyang mo diphatseng.

O ne a tlatsa ka gore bana ba basetsana ga ba a sireletsega, ka ga ba kgone go apara jaaka ba eletsa, .

Monni mongwe wa Taupye, Rre Ponatshego Kenosi a re o dumela fa go sena bokoa bope mo go borre ba ba thubetsang ka jalo ba tshwanetse go gagamalediwa dikotlhao.

Rre Keabetswe Lebaso wa Makwate ene o ne a tlhalosa fa nako e tsile ya gore ba ba dirang jalo ba nolofadiwe ka tsela nngwe gore ba seka ba nna le maikutlo a go tlhakanela dikobo.

Mme Tshwaragano Dipao a re fa go ne go kgonagala, badira melato ee tshwanang le wa petelelo, ba ka bo ba sa fiwe sebaka sa go letela tsheko kwa ntle ga kgolegelo.

Le fa go ntse jalo, Mme Carol Baatshwana o ne a kgala bomme bangwe ba ba kgonang go swa senku fa borre ba ba ratanang le bone ba dirisa bana botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo.

Ka jalo, o ne a tlhalosa fa basadi ba mofuta o ba tshwanetse go tseelwa dikgato tse di gagametseng ka ba le botlhabetsi mo matshelong a bana e bile ba rotloetsa borukutlhi.

A re bangwe ba amogela pipa molomo go nyeletsa kgang tsa bana ba ba dirisiwang botlhaswa ke borre ka go tlhakanela dikobo, selo se a reng ke molato o motona. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Maswikila

Location : TAUPYE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 14 Jan 2019