Breaking News

Tsayang boikarabelo ka botsogo jwa lona

13 Jan 2019

Mooki wa matlho, Mme Ruth Mogwera, a re go botlhokwa gore mongwe le mongwe a tseye boikarabelo jwa botsogo jwa gagwe.

Ka jalo, o ne a rotloetsa botlhe go itlhatlhobela malwetsi ka go farologana.

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Mme Mogwera o tlhalositse fa Botswana a amilwe ke dipalo tse di kwa godimo tsa bolwetsi jwa letlha la leitlho.

Ka jalo, kokelo ya Seventh Day Adventist (SDA) e ne ya tsaya tshwetso go dira loaro lwa lotlha la leitlho.

A re kokelo ya SDA ke ya bobedi mo Botswana go dira loaro leo, a tlhalosa fa le tlwaelesegile ka go dirwa fela kwa Molepolole.

Mme Mogwera o ne a tlhalosa fa bolwetsi jwa letlha le lesweu bo tshabelela batho ba ba dingwaga tse di masome a matlhano go ya kwa godimo.

O tlhalositse fa bolwetsi jo, bo bakwa ke malwetsi a a sa tshelanweng jaaka jwa sukiri, madi a matona, tiriso ya melemo mengwe, a supa gape fa motho a ka tsholwa ka jone.

A re bolwetsi jo bo ama batho baba godileng, ka dikarolo tsa mmele wa bone di tshabelelwa ke go nna le diphetogo fa ba ntse ba gola, le mororo a tlhalosa fa leitlho le na le metsi aa tlaabong ka iketlo a nna masweu, a re seo, se supa fa lotha lo gola.

Mme Mogwera o kaile fa ba ne ba gatisitse dipalo tse dintsi tsa bolwetsi jo pele ga ngwaga wa 2014, tse di neng di hekeetsa baoki ba ba neng ba berekela kwa kokelong ya SDA mme gape go na le tlhaelo ya bongaka kwa Molepolole.

A re seo, se ne sa felela se gwetlha boeteledipele jwa kokelo go kopa thuso kwa nngweng ya dikokelo tsa matlho kwa Zambia kwa go neng ga nna le tumalano ya dingwaga tse tlhano gore ngwaga le ngwaga go tle ngaka ya matlho go ara balwetse ba lotlha.

Mme Mogwera a re ba tsweletse ka go isa balwetse baba nang le letlha go dirwa learo kwa Molepolole.

O ne gape a tlhalosa fa ba bukela balwetsi letsatsi le letsatsi, ka jalo a re ba tlaa bo ba fiwa malatsi a ba isang balwetse ka one.

Mme Mogwera o ne a tswelela a tlhalosa fa mo godimo ga moo, go na le dithuto  tse di rulagantsweng ke ba lephata la botsogo, tse gantsi go tlang dingaka tse di tswang kwa India lebaka la kgwedi.

Fa a latlhela la gagwe, mongwe wa baoki ba matlho, Mme Virginia Makwati o boletse fa kokelo ya SDA e simolodisitse dipatlisiso ka setlhogo se se reng: Seipone, Lesedi la Lefatshe.

A re maikaelelo a dipatlisiso tse, ke go ara balwetsi ba le lekgolo mo malatsing a le matlhano.

O ne a tlhalosa fa maikaelelo a bone  e le go kopanya maitlamo a matshego a 2036 le 2020.

Mme Makwati o tlhalositse fa dipatlisiso di ne tsa dirwa pele ga ngwaga wa 2014 mme tsa supa fa letlha le baka go latlhegelwa ke pono.  A re bolwetsi jwa letlha bo thibelwa ka go dirwa loaro.

Mme Makwati o ne a bolela gore fa bolwetsi jwa letlha bo sa alafiwe bo ka baka bolwetse jwa glaucoma jo  bo dingalo go alafesega, e bile bo kgona go baka go latlhegelwa ke pono ga sennela ruri.

A re mo maitekong a maitlamo a 2020, ba setse morago letshego le le reng mongwe le mongwe o tshwanetse go tsaya kgato mo go thibeleng bofofu. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Khumoyame Laetsang

Location : KANYE

Event : Potsolotso

Date : 13 Jan 2019