Puso e ikaelela go gagamatsa dikotlhao
13 Jan 2019
Mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraele Goya, a re Palamente e tlaa buisana ka molao kakanyetso wa bogodu jwa leruo go gagamatsa dikatlholo.
O buile jalo kwa phuthegong ya kgotla kwa Dikabeya bosheng, mo loetong la kgaolo ya gagwe ya botlhophi.
Rre Goya a re bogodu jwa leruo bo apesitse Batswana kobo ka letshoba, ke ka moo puso e bonang go tshwanela go gagamatsa dikatlholo gore barui ba kgone go nna le ditsa bone.
A re mo molaong kakanyetso oo, go ya go lebelelwa dintlha di le mmalwa jaaka go okediwa ga dingwaga.
A re ope yo o rotloetsang bogodu ka go reka leruo la bogodu le ene otla tseelwa dikgato tse di gagametseng ka go gapelwa didirisiwa tsotlhe tse di dirisitsweng mo bogodung joo jaaka koloi, sekotsekara, selepe le gone go tseelwa teseletso ya madirelo a thekiso ya nama tota.
Rre Goya a re go lemosegile fa bogodu bo rotloediwa thata ke beng ba dikgwebo tsa dinama ba a rileng baya go di gama ba sa ditlhapela.
Banni bangwe ba kopile gore fa motho a atlholetswe bogodu jwa leruo, a nne a betswa dithupa tse tharo kgwedi le kgwedi a le kwa kgolegelong.
Balemi ba masimo a Dikabeya ba ikuetse mo go mopalamente ka dikgang tsa bakabo ditsha ba re ba baya masimo fa godimo ga a a setseng a beilwe, mme ga ba ba reetse fa ba ikuela kwa diofising tsa bone.
Ba ne gape ba a kopa gore go bulelwe heke go tsena kwa kokelwaneng go tswa kwa boseja ga seporo.
Fa a araba kgang ya ba kabo ditsha, Rre Goya a re otlaa e latedisa le ba ba lebanyeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Selinah Samson
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 13 Jan 2019




