Breaking News

Ntsa le yone e tlhoka tshireletso

13 Jan 2019

Makhanselara a Kgatleng a dumelane le tshutiso ya gore khansele e dire bojotlhe go sireletsa dintsa.

E rile a ntsha tshutiso eo mo phuthegong ya khansele bosheng, mokhanselara wa Mosanta Borwa, Rre Tona Mooketsi, a bolela fa dintsa di na le karolo e tona mo go sireletseng Batswana.

A re lephata la itshireletso, molao le thokgamo le kopilwe go baakanya molao wa bogodu jwa leruo gore go akarediwe dintsa.

Rre Mooketsi a re nako e tsile ya gore dintsa di sirelediwe bogolo jang ka Batswana jaanong ba rua tse di ba fang tshireletso e e kwa godimo.

Mokhanselara o tlhalositse fa bangwe ba gweba ka tsone e le tsela ya go itshetsa mme ka jalo go botlhokwa gore molao o gagamadiwe gore magodu a tle a tseelwe dikgato tse di maleba.

A re mo nakong eno madi a a lefisiwang magodu a dintsa a kwa tlase thata mme go rua dintsa dingwe go tura fela thata.

Rre Mooketsi a re go reka dintsa tseo tsa mofuta oo ke madi fela a mantsi mme fa megodu ba di utswile a duela madi a a kwa tlase.

O ne a kopa makhanselara a Kgatleng go mo ema nokeng mo tshutisong eo bogolo jang ka ba itse botlhokwa jwa ntsa mo matshelong a Batswana.

O supile fa dintsa di le botlhokwa ka di dirisiwa le ke makalana a molao segolo jang mapodisi.

E rile makhanselara a mo kgwa dikgaba, a supa fa nako e tsile ya gore dintsa di sirelediwe bogolo jang ka batho ba rua tsa boleng jo bo rileng.

Mokhanselara wa Boseja Bokone, Rre Lerothodi Modipane, a re tlhokomelo ya dintsa tsa malatsi ano e kwa godimo thata.

A re ntsanyana e le nngwe e fiwa mokento wa madi a a kanang ka P450 mme fa legodu le e utsule le atlholwa madi a a kanang ka P300 fela.

Rre Modipane a re seo ke poelo morago mo moruing wa ntsa ka a dira jalo ka matsetseleko le lerato gore a bone tshireletso ya yone kana go e rekisa go dira letseno.

Mokhanselara Gomolemo Gouwe wa kgaolo ya Boseja Borwa ene a re nako ya gore dintsha di babalelwe e gorogile.

Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Mpho Moruakgomo o lebogetse Rre Mooketsi go ntsha tshutiso eo a re e botlhokwa mme ebile e ka thusa setshaba le lefatshe ka bophara.

A re molao o tshwanetswe wa sekwasekwa go akaretsa diphologolo tsotlhe tse batho ba itshetsang ka tsone e seng fela tse di tlwaelesegile e le tsela ya go sireletsa barui.

Mokhanselara a re go botlhokwa go baakanya melao le go ntsha ditshutiso tse di tshwanang le ye gore go tle go nne le ditlhabololo le tswelelopele mo lefatsheng.

Mo ditshutisong tse dingwe tse di ntshitsweng, makhanselara a ne a dumalana gore go nne le komiti e e tlaa sekasekang go reelela dikago dingwe le mafelo mangwe ka bagaka ba ba bereketseng kgaolo ya Kgatleng.

Tshutiso e nngwe e ba neng ba dumalana ka yone ke ya go kopa Botswana Railways gore diterena tsa bone di nne le sesupo sengwe se se kaelang bakgweetsi gore terena e a feta gore ba kgone go itse fa e feletse.

Mokhanselara wa Sikwane/Mabalane Rre Molatlhegi Jautse a re go le gantsi bakgweetsi ba felela ba le mo mathateng ka go sa lemoga fa terena e feletse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya Khansele

Date : 13 Jan 2019