Breaking News

Pula ya matlakadibe e sentse kwa Kweneng

13 Jan 2019

Pula ya matlakadibe kwa Mahetlwe kwa kgaolong potlana ya Molepolole/Lentsweletau e dirile tshenyo e ntsi kwa kokelwaneng ya motse oo.

Moanamisa mafoko wa kokelo ya Scottish Livingstone kwa Molepolole, Mme Nthabiseng Dikole, a re le fa go ntse jalo, ba dirile thulaganyo ya nama o sa tshwere go tswelela ka go fa morafe ditirelo tsa botsogo.

Pula eo e bakile tshenyo e e akaretsang go rutlologa ga marulelo a kokelwana le kereke ya UCCSA, kgaogo ya motlakase le go amega thata ga didirisiwa di akaretsa melemo.

Mme Dikole a re ba dirile thulaganyo ya gore kokelwana e tswelele ka go ntsha ditirelo ka go dirisa kago ya mabeelo go alafa balwetsi.

A re le ntswa ba ise ba tlhomamise bogolo jwa tshenyo, ba tsweletse ka dipatlisiso ka thuso ya bakanoki ba dikago.

Le fa gontse jalo, mooki wa kokelwana ya Mahetlwe, Rre Future Monyamane, o tlhalositse fa tshenyo e ntsi e diragetse mo marulelong le di dirisiwa jaaka melemo.

A re seemo sa melemo se gakaditswe ke kgaogo ya motlakase.

Mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Puso Gaotlhobogwe, o netefaditse fa komiti ya dibetso tsa tlholego e tsibogetse seemo le ntswa go sena dipego dipe tse di tlhokang thuso ya potlako.

O kaile fa lengwe la mafelo a amegileng thata e le kereke ya UCCSA e yone e rotlologileng bontlha bongwe.

Rre Gaotlhobogwe a re ba tsweletse ka go dira ditshekatsheko tsa tshenyo, segolo jang kwa kokelwaneng ba tshwaragane le makalana a a lebaneng go thusa go tswa ka tharabololo ya sennela ruri. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MAHETLWE

Event : Potsolotso

Date : 13 Jan 2019