Breaking News

Bogosi kwa Mochudi ga bo robadiwe ke modumo wa diletso

13 Jan 2019

Mothusa kgosi wa Bakgatla, Kgosi Bana Sekai, a re modumo wa diletso kwa dibareng le dikereke kwa Mochudi o dule mo taolong.

Fa a buisa phuthego kwa kgotleng kgolo ya motse oo bosheng, Kgosi Sekai o boletse fa modumo o itsa batho go ikhutsa le gone go kgoreletsa baithuti go bala.

Kgosi o ne gape a supa matshwenyego a gore bangwe ba simolotse go rekisa bojalwa kwa masimong le kwa merakeng mme ba sena diteseletso.

A re se, se mo gwetlhile gore a boele kwa mafelong a go gakolola beng ba marekisetso.

O gateletse gore bagolwane ba sekolo se segolwane sa Oodi College of Applied Arts and Technology (OCAAT) ba kile ba supa ngongorego ka kereke nngwe e ba reng e leletsa diletso tsa yone kwa godimo.

Kgosi Sekai o tlhalositse fa modumo o itsa baithuti go ithuta le go itheetsa, selo se a reng se isa maduo a thuto kwa tlase.

A re batsadi ba tshwanetse go reetsa selelo se, ka ene le lephata la thuto ba itlamile go dira ka gotlhe go ntsha maduo a mantle mo go tsa thuto ngwaga ono.

Fa a bua ka tse dingwe tse di amang morafe, a re dipolaano tsa baratani bogolo jang banana di ile magoletsa.  

O ne a gatelela gore bontsi jwa tsone bo bakiwa ke tlhoka kutlwisisanyo ntateng ya bojalwa e bile a supa fa bontsi jwa dintwa tse di diragala kwa maitisong.

Fa a ema batsadi ka lefoko, Kgosi a re bogosi ga bo robale ke batsadi ba ba latlhang bana kana ba sa bafe tlhokomelo.  A re selo se ke molato ebile ba bereka ka natla le ba sepodisi go sala batsadi ba mofuta o morago le go ba tseela dikgato.

O ne a kgothatsa batsadi go tsaya boikarabelo mo go tlhokomeleng bana ba bone ka e le bone baeteledipele ba kamoso.

Kgosi Montshiwa Mabodisa o ne a lebogela mafoko a ga mothusa kgosi, a tlatsa ka gore batsadi ba tshwanetse go bopagana mme ba godise bana go sena ope yo o latlhang ba lelwapa la gagwe.

Kgosi Mabodisa a re batsadi ba tshwanetse go nna sekao mo baneng ba bone ka go dira se se siameng mo matlhong a bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Theo Tswalle

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 13 Jan 2019