Breaking News

Tsela e tlaa kgoreletsa barui

10 Jan 2019

E re le ntswa morafe wa Mmaphashalala mo kgaolong ya Mahalapye o amogela tiro ya go tshela sekontere tsela e e tswang Dibete e raletse motse e leba kwa Machaneng, go na le matshwenyego a gore e tlaa kgoreletsa barui.

Kgosi Captain Kemmapatse Bagatiseng o supile mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba yo e bileng  e le mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso, gore tsela e e ralala masimo le meraka mme go lebega ditselana tse di tswang mo go yone di dirisiwa ke balemi le barui di tlaa amega.

 Kgosi Bagatiseng a re go lebega go sena se se dirwang go tlhomamisa gore ditsela tse di dirisiwang ke barui le balemi ga di kgoreletsege.

“Re lebogela tiro e e tsweletseng ya go tshela tsela sekontere, mme le fa go ntse jalo go na le dikgwetlho tse re di itemogelang,” Kgosi a tlhalosa.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Bagatiseng a re morafe o isitse ikuelo kwa go ba ba dirang tsela le ba lephata la ditsela ka tsholofelo ya gore dingongorego tsa bone di tla sekegelwa tsebe.

A re le fa el e boamaruri ditlhabololo di kgona go tla ka diphetogo dingwe tse di ka kgoreletsang kana tsa fetola ka fa batho ba neng ba tshela ka teng, go na le sengwe se se ka dirwang go tila dingwe tsa dikgoreletsi.

Mongwe wa batsena phuthego, Dr Ditshupo Maje le ene o supile fa a sa jesiwe diwelang ke moalo wa tsela eo.

A re barui ba meraka e ka nna mene mo tikologong ya Mmaphashalala ba tlaa angwa thata ke kago ya tsela ka gore e ya go kgaoganya meraka le didiba.

Dr Maje a re kwa tshimologong moalo wa tsela o ne o supa gore e tlaa tsamaya kwa bophirima jwa meraka, ka jalo e ka seke ya kgoreletsa barui ka gope.

O supa gore fa go tshwailweng gore tsela e tlaa tsamaya teng go ya go kgoreletsa motsamao wa leruo go tswa kwa merakeng le ya didibeng le kwa mafulong.

 A re sengwe se ba se kopileng le fa ba ise ba itse gore kopo ya bone e atlegile ke gore go tsenngwe diphaephe tse di bulegileng ka fa tlase ga moalo wa tsela eo gore ba kgone go fetisetsa metsi a leruo kwa masakeng ba sa kgoreletsege.

O ne a supa gore motsamao wa leruo le kgabaganya tsela kgapetsakgapetsa go latela metsi le phulo o tlaa felela o babalela tsela, ka jalo e senyege ka pele.

Dr Maje o tlhalositse gape gore barui le bone ba tlaa amega thata, leruo le baka dikotsi mo bangwe ba felelang ba latlhegelwa ke matshelo.

Dr Maje o supile gape gore sengwe se se tlaa dirwang ke gore tsela e tlaa tsenngwa terata e e itsang leruo go tsena mo tseleng, ka jalo a re go agwa ga terata go ya go kgoreletsa leruo go kgabaganyetsa kwa didibeng go nwa metsi le go ya mafulong.

Le gale Dr Maje a re barui ba na le tumelo ya gore kopo ya bone e tlaa arajwa pele ga tiro ya go tshela sekontere e wela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : MMAPHASHALALA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 10 Jan 2019