Breaking News

Banni ba Moshaweng ba kopa tsela

10 Jan 2019

Banni ba Moshaweng mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng ba re ba kopa go direlwa tsela e e lomaganyang motse wa bone le Molepolole.

Kgosi Kegobonye Maruping o tlhalositse fa tsela eo e tlhokafala thata ka jaana ba bona ditlamelo ka bontsi go tswa Molepolole.

O rile e re ntswa ba thusiwa kwa Letlhakeng, ba tshwenngwa ke gore tsela ya Molepolole/Moshaweng ga e gopiwe, fa ya Moshaweng/Letlhakeng yone e gopiwa gangwe le gape, se se ba pateletse go tsaya mosepele o moleele go ya Molepolole.

Banni ba motse le bone ba ne ba bua ba sa kgale mathe ka tsela ya Molepolole/Moshaweng, ba supa fa ditlhabololo le bagwebi ba okiwa ke seemo sa tsela.

Mo dikgangnyeng tse dingwe modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Kagiso Bafitlhile o begile gore ba agelwa ntlwana ya borutelo ya bananyana le ntlo ya LA 1 ka lenaneo la ESP, mme tiro eo e simolotswe ka 2017.

O tlhalositse fa ba ofisi ya nyeletso lehuma ba ne ba afa baikopedi ba se ekaenyana dipodi, a bo a kopa gore ba ba setseng ba fiwe.

Rre Bafitlhile o tlhalositse fa seemo sa matlwana a boitiketso kwa sekoleng sa Moshaweng se sa jese diwelang.

O supile fa molemisi, mokenti le raboipelego ba tlhoka dikoloi.

Fa a tswa la gagwe, Mopalamante wa Letlhakeng/Lephepe Rre Liakat Kablay o ne a bega fa Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a ntse a tabogile le mafatshe go ngoka bagwebi go tla go bula madirelo mo Botswana gore a tle a tlhamele Batswana ditiro.

 O tlhalositse fa Tautona a adimile P10 billion kwa China go tla go dira ditsela mono, a tlhalosa fa kwa palamenteng e e tlang ba tlaa bona gore madi ao a tlaa kgaoganngwa jang.

Rre Kablay o boletse gape fa Tautona a tlhalositse fa a sena go fetola ISPAADD mme segolo a ka mpa a oketsa lenaneo leo.

 O rile mananeo a banana le one a tlaa tswelela a ba a kopa basha go tswelela ba ikopela mananeo a go fitlhelela ba atlega.

Mo go tsa temo, mopalamente o tlhalositse fa dipaka tsa gompieno di sa tshwane le tsa maloba, ka jalo go le botlhokwa gore balemi ba reetse ba bo ba dirise dikgakololo tsa balemisi.

 Mopalamente Kablay o tlhalositse fa badiri ba Ipelegeng ba tlaa okediwa ka jaana ditiro tse dingwe di kgonagala ka lenaneo leo.

O boletse gape fa khansele e tlaa rotloediwa go reka dibuka ka nako e le ntlha nngwe ya go tokafatsa maduo a thuto a a wetseng tlase. Bangwe ba ngongoregile gore lenaneo la SHHA ga le bonale mo motseng.

Ba kopile gore mapodisi a sirelediwe, ba tlhalosa fa tiragalo ya maloba e lepodisi le bolailweng le le mo tirong e le sesupo sa gore nako e tsile ya gore go dirwe jalo.

Ba supile gape matshwenyego a bana ba bannye ba ba betelelwang, ba supa fa batsadi le bone ba na le seabe ka go supagala ba sa tlhokomele bana sentle. 

E rile a araba ngongorego ya go tlhoka go bewa ditsha, Mme Baleka Sebute wa lekgotla la peo ya ditsha a bolela fa peo ya ditsha e ntse e emisitswe sebakanyana gore di segelwe mealo pele.

Mokwaledi wa ga mopalamente Rre Tshepiso Lesope o ne a supa fa baikopedi botlhe ba lenaneo la nyeletso lehuma ba neetswe dipodi.

O tlhalositse fa banni ba Moshaweng ba le maoto a tshupa go ikwadisetsa lenaneo la SHHA mme a solofetsa fa seemo sa matlwana a boitiketso a sekole se tlaa tsibogelwa. BOTLHOKO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : MOSHAWENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 10 Jan 2019