Breaking News

Badiri kwa Tutume ba kopiwa go ntsha maduo

09 Jan 2019

Badiralapuso ba maphata a a ka fa tlase ga ofisi ya ga Tautona kwa Tutume ba kopilwe go ntsha ga tshwene mo tirong nngwe le nngwe e ba e dirang.

Seo se builwe ke mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Tutume, Rre Kabelo Tshekiso mo bokopanong jwa babereki bao bosheng.

Rre Tshekiso a re ngwaga ono ke wa ditiragalo ka e bile lefatshe leno le tlaa bo le ya ditlhophong, ka jalo mapolotiki le setshaba ka kakaretso ba solofetse go le gontsi mo go bone e le badiralapuso go bona gore Batswana ba bona ditirelo ka tshwanelo le ka nako.

A re kgwetlho e ba nnang ba kopana nayo ka nako ya bokopano jwa bone e le ba ofisi ya ga molaodi ke ya go tlhoka go tsisa dikgang tse di ka kopanelwang ke maphata kwa diphuthegong.

O sedimoseditse batsena bokopano joo ka mosola wa go nna le thulaganyo ya tse di ka buiwang mo bokopanong, a re moono ke go tla ka matshwenyego a ba kopanang le one le ditharabololo.

O gateletse gore badirelapuso ba gololesegile go tla ka megopolo go abelana le ba bangwe ka fa ba akanyang dilo dingwe di ka dirwa go tokafatsa maduo mo tirong ka teng.

Rre Tshekiso o ne gape a ba kopa go itse se se diragalang mo maphateng a mangwe.

A re seo se tlaa dira gore ba kgone go bontsha batho kwa ba ka bonang thuso teng motlhofo fa ba batla thuso mo maphateng a mangwe, go na le go ba isa kwa le kwa.

O ne gape a gwetlha badiredi bao go dirisanya sentle le molaodi yo mosha, Mme Utlwanang Kerekang.

A re tshwaragano ke phenyo.

Fa a tswa la gagwe, Mme Kerekang o ne a kopa babereki bao go tlogela mokgwa wa go tsena morago ga nako le go nyelela fela mo tirong.

A re mokgwa oo o o ila lebaibai.

A re e le maphata a a okametsweng ke ofisi ya ga Tautona, puso e lebile mo go bone go rekisa mananeo a yone, ka jalo a ba kopa go bereka ba le seopo sengwe go bona gore ba tsholetsa kgaolo ya Tutume le batho ba teng.

A re motho ga a a tshwanelwa go bereka ka go salwa morago, ka jalo mongwe le mongwe o tshwanetse a nne le maitlamo a go ntsha maduo fa a leng teng.

Mme Kerekang o ne a kopa badirelapuso go nna le lerato mo tirong e ba e dirang, go nna le neelano le go tlotlana ka dinako tsotlhe gore ba kgone tema e ba e itshegetseng ya go bona ba dira pharologanyo mo matshelong a batho ba kgaolo e ba direlang mo go yone.

O ne a ba gwetlha go dirisa bokgoni jwa bone mo tirong go dira motlhala o banni ba tlaa salang ba ba gopola ka one.

Molaodi o ne a gatelela ka go re ngwaga ono ke wa ditiragalo tse dintsi tsa go sekaseka mananeo a ditlhabololo tsa dikgaolo le tsa setshaba (DDP8 le NDP11) ka jalo a ba kopa go nna le seabe se setona go bona gore tiro eo e tsamaya sentle e bile e nna le maduo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : POTSOLOTSO

Date : 09 Jan 2019