Breaking News

Go reketla ga matlo a bogosi go tlhokisa ledula

09 Jan 2019

– Kgosi Sibangani Mosojane wa Mosojane a re o tshwenngwa ke dikgogakgogano tsa bogosi tse di diragalang mo kgaolong ya Bokone Botlhaba.

Mo potsolotsong le BOPA, Kgosi Mosojane o supile fa dintwa tseo di dia kgolo le ditlhabololo tsa metse.

A re bontsi jwa tsone di diragala thata fa go tla nako ya peo ya kgosi. O tlhalositse fa di sa tshwanela go diragala ka go na le bogogi jo bo eteletseng matlo a bogosi pele, ba ba itseng tsamaiso yotlhe e bile ba na le lesedi gore bogosi bo tsamaya jang.

Kgosi Mosojane a re go lwela bogosi go tlhabisa ditlhong ka go supa fa ba ntlo ya bogosi ba sa dire tiro ka boammaruri.

A re bogologolo go ne go sena dintwa tsa bogosi ka dikgosi di ne di sa duelwe. A re dikgang tsa mofuta o, di diela morafe nako ya go godisa metse, a tlatsa ka go re gantsi kgosi yo o tlhomilweng ka medumo le dikgogakgogano o felela e sena seriti e bile a sa tlotlwe.

E rile a sedimosa ka dikgogakgogano tse di tsweletseng ka bogosi jwa Ditladi, Kgosi Mosojane o supa fa se se supa boitseme, go tlhoka nnete le tirisanyo mmogo magareng ga maloko a ntlo ya bogosi.

Kgosi Mosojane a re o eletsa gore tsamaiso ya bogosi jwa kgaolo ya Bokone Botlhaba e tokafale, a ikuela mo malokong a matlo a bogosi go dirisana le dikgosi le go di fa bogakolodi.

A re kgosi a seka a bereka le maloko a komiti ya ditlhabololo tsa metse fela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : MOSOJANE

Event : POTSOLOTSO

Date : 09 Jan 2019