Sikwane o tshela ka matlhoa
09 Jan 2019
E re ka motlapele a boletse a re metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balati, mme mongwe wa Semotswane gaufi le Tonota a re morago ga go kokonelwa ke manokonoko a letlhoko la ditiro o ne a bona go tshwanela go batla motlhala wa go dira madi go ka itshetsa mme a dirisa mpho e a e filweng ke Modimo ya go dira matlhoa le dibaga.
Mme Ruth Sikwane yo o ngwaga tse di masome matlhano le boferabobedi a re kgwebo e ya gagwe e a e simolotseng ka 1983 e mo tlodisitse melatswana ka e bile a kgona go itshetsa ntleng le go kopa thuso mo go ope.
O tlhalositse fa go dira matlhoa e se tiro e e bonolo jaaka bangwe ba ka akanya.
A re ke tiro e e tlhokang bokgeleke le bopelotelele e bile e tlhoka nako.
O ne a tlhalosa fa selo se se dirang matlhoa e le seboko se se tlwaelesegile ka leina la lebabane mme se fitlhelwa thata mo setlhareng sa mophane.
A re fa phane e ikepela seboko seo sone se iphetola go ka nna sekgaphanyana se se mitlwa.
Mme Sikwane o tlhalosa fa bone ba tlaa bo ba emela sekgapha seo gore se omelele pele fa ba ka se bapala.
Morago ga go se bapala, a re o se katela mo motlhabeng a se gotlhe ka motlhaba go ka ntsha mitlwa go fithelela se nna borethe.
A re go tswa foo o tlaa bo a ntsha mateng a sekgapha seo mme mo boemong jwa one a tsenye matlapana pele ga a ka a rokelela mo teng.
Mme Sikwane o ne a tlhalosa gore matlapana ao a tsenyediwa go dira modumo wa matlhoa fa a ntse a tshikhinngwa.
A re legato la bofelo e nna gone go a rokelela mo dikgoleng.
Dikgole tseo a re di dirwa ka megala e ba e rafolang mo dikgetsing.
“Matlhoa a ka dirisiwa dilo di le mmalwa.
O ka a dirisa go kgabisa mme tota a tlwaelesegile thata go dirisiwa go bina mmino wa setso jaaka borankana, di hosanna le e mengwe.
Bangwe ba a dirisa kwa dikerekeng,” a tlhalosa.
E re le ntswa Mme Sikwane a lebogela thekiso e ya matlhoa go ka fetola le go mo fa sebaka sa go ka tshela botshelo jo bo botoka thata le fa a ne a sa bereke, sebe sa phiri ke gore thekiso ga e sa tlhole e tshwana le maloba.
A re gompieno matlhoa a tletse gongwe le gongwe ka jaana barekisi ba kana ka thapo tsa leselo.
O supile fa a kile a bo a kgona go amogela bareki go tswa Gaborone.
A re boleng jwa matlhoa a gagwe bo ne bo itsewe mo e leng gore maSione ba ne ba tsaya matlhoa a gagwe go a rekisa kwa Afrika Borwa fa ba ya Moria.
Mme Sikwane a re se sengwe se se fetogileng ke kgwebo e ba neng ba e bona go tswa mo dikoleng.
A re dikole ka bontsi di ne di reka kwa go ene mme e sale bodiragatsi jwa diketshe bo ngotlega kwa dikoleng seemo se fetogile.
Mme Sikwane a re le fa kgwebo e sa nametse, o leka e mengwe methale ya go dira madi ka go rekisa didirisiwa tsa Setswana, ka jalo bo a sa bo ya pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bulukani Hubona
Location : SEMOTSWANE
Event : POTSOLOTSO
Date : 09 Jan 2019




