Breaking News

Setlhopha sa banana se supa mowa wa bopelothomogi le lorato

08 Jan 2019

E rile bosheng banana ba setlhopha sa kgwele ya dinao le bolotloa sa Brothers and Sisters Club go tswa kwa Jamataka ba agela monni wa motse oo Rre Gamocha Modise leobo le le gotsetsang, le go rulela ntlo ya gagwe e e saleng e rutlomolotswe ke diphefo ngogola.

E rile a bua mo letsatsing leo mothusa moeteledipele wa Brothers and Sisters, Rre Goratagaone Seshoka a tlhalosa fa leobo le lopile dikete tse nne le makgolo a robabobedi a dipula.

A re ba dirile tiro eo morago ga go lemoga fa Rre Modise a tlhoka thuso ka a ne a robala mo ntlong e e sa rulelwa, e bile a apeela mo teng.

A re ba ne ba ititaya dipata le go kopa madi mo setšhabeng le mo madirelong a a mo Jamataka le tikologo go mo thusa.

Rre Seshoka a re bangwe banni ba ne ba ithaopa go aga leobo le go rulela ntlo ntleng le dituelo dipe, mme ba ne ba kgona go dira tiro e mo nakong e khutshwane ka ntlha ya popagano ya bone.

A re godimo ga moo, setlhopha se se ne sa kgona go rekela Rre Modise materase, dijo le didirisiwa tsa ntlo di tshwana le dipitsa le ditafole.

Rre Seshoka a re tiro eo ya bopelothomogi ga se ya ntlha go dirwa ke Brothers and Sisters ka e rile ka 2016, setlhopha sa rekela baithuti ba Jamataka ba le babedi paka ya sekole.

A re ka 2017, setlhopha se ne sa kgona go kgobokanya madi a go aga moriti kwa maemelong a dibese kwa Jamataka le fa ba ne ba seka ba atlega.

Rre Seshoka a re setlhopha se tlhamilwe ka 2013 mme se ne se tshameka kgwele ya dinao le bolotloa go itlosa bodutu fela  ka nako eo, mme ka 2016 se ne sa tswa ka mogopolo wa go tsenya letsogo mo go tokofatseng matshelo a batho ba Jamataka.

O tlhalositse fa mogopolo wa bone o ne wa amogelwa ka tsoo- pedi ke bogogi le banni ba motse, mme bangwe bagolo ba motse ba ne ba simolola go nna le seabe mo tsamaisong ya setlhopha.

O kaile fa maikaelelo a bone e le go dira go thusa mo go tlhabololeng matshelo a batho ngwaga le ngwaga, a tlatsa ka go re setlhopha se thusa  go ntsha banana mo mekgwatheng kwa ba ka dirang tse di duleng mo tseleng teng.

E rile a ntsha la gagwe, Kgosi Goitseone Gaebolae a leboga banana ba Brothers and Sisters go bo ba tsweletse ka go supa lorato le bopelotlhomogi.

O kaile fa se, e tshwanetse go nna thuto le mo bananeng ba metse e e mabapi gore ba nne le seabe mo go thuseng ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

A re banana ba tshwanetse go itshupa bothakga le go nna le mowa wa lorato, mme a  kopa bagolo ba motse le madirelo ka go farolagana gore ba tswelele ba ema setlhopha nokeng gore se kgone maikaelelo a sone.

Rre Modise o ne a leboga banana ba Brothers and Sisters go menagane.

O ne a tlhalosa fa a ne a sokola, bogolo jang ka nako ya dipula, ka ntlo ya gagwe  e ne e na e bile go se na fa a gotsetsang teng, mme madi a a neng a a amogela kwa Ipelegeng a ne a ka se ke avlekane go ka rulela ntlo le go aga leobo le le gotsetsang. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Festus Outule

Location : JAMAKATA

Event : Kabo mpho

Date : 08 Jan 2019