Breaking News

Lesea le betilwe ke metsi mo lekadibeng la dipidipidi

08 Jan 2019

Mapodisi a sejelo a tlhotlhomisa kgang e mo go yone lesea la dikgwedi tse di borang babobedi le betilweng ke metsi mo lekadibeng la dipidipidi ka Labone motshegare kwa merakeng ya Tshitlane gaufi le Ranaka.

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA,  mookamela mapodisi a Sejelo Superintendent Mogomotsi Matlapeng a re ngwana o o ne a na le batsadi ba gagwe ba ba neng ba dira ditiro tsa mo lwpaneg mme ngwana yo a ya lekadibeng leo la dipidipidi batsadi ba sa mo lemoga.

Rre Matlapeng a re batsadi fa ba setse ba lemoga ba itlhetse ngwana a betilwe ke metsi mme a ragogisediwa kwa kokelong ya Sabata kwa a neng a rurifadiwa fa a tlhokafetse.

Rre Matlapeng o gakolotse batsadi kana mang fela yo bana ba tlogelwang ka fa tlase ga tlhokomelo ya gagwe go nna kelotlhoko thata gore bana ba tshameka fa kae, go hema gore bana  ba tshamekele fa go leng borai teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Khumoyame Laetsang

Location : KANYE

Event : POTSOLOTSO

Date : 08 Jan 2019