Keamogetse o gweba ka dinotshi
08 Jan 2019
Kgwebo ya thuo ya dinotshi e tlhalosiwa e le nngwe ya dikgwebo tse di ka thusang go tlhabolola matshelo a batho.
Se se builwe ke Mme Keamogetse Khubu wa motse wa Dikhukhung mo kgaolong ya Borolong yo o inaakantseng le thuo ya dinotshi go iphalotsa lehuma mo potsotsong bosheng.
Mme Khubu o tlhalositse gore e re ntswa thuo ya dinotshi e se bogadi bo gaufi, bangwe mo magaeng ba tlhabolotse matshelo a bone ka yone.
Mme Khubu o supile fa thuo ya dinotshi e tlhokana le motho yo o pelotelele e bile a na le lorato mo go se a se dirang.
Ka thuso ya ba ofisi ya nyeletso lehuma ba khansele- potlana ya Good Hope, e rile ka ngwaga wa 2013 a ya go rutwa ka thuo ya dinotshi sebaka sa malatsi a le matlhano kwa Pelotshetlha.
Mme Khubu o tlhalositse gore o ne a rutwa gore dinotshi di tshwarwa jang e bile di nale mosola ka di dira tsina, e e nang le dipoelo.
O tsweletse ka go re morago ga go tlhatlhelelwa ka dithuto tsa thuo ya dinotshi, o ne a aloga mme a fiwa setlankana sa thuo ya dinotshe.
Mme Khubu o tlhalositse gore o ne a nna ngwaga a ise a fiwe didirisiwa tsa thuo ya dinotshi, mme ya re ka 2015 a rogwa a segofala a fiwa mabeelo a dinotshi le kapari ya thuo ya dinotshi, mme a tshwanelwa ke go ipatlela dinotshi go simolola thuo.
O rile le fa go ne go se motlhofo go ikapela dinotshe kwa pheletsong o ne a di bona mme a di tsenya mo lebokosong a di tsenyetsa sukuri.
O tlhalositse gore dinotshi di na le dipaka di le tharo mo ngwageng tsa go dira tsina mme gore di nne bogadi bo gaufi o di lemela sonobolomo le maphutshi, gape e le tsela nngwe ya go di tlhokomela.
Fa a bua ka tlhokomelo ya dinotshi, Mme Khubu o tlhalositse gore ga di matsapa go di rua, a tlhalosa gore mo mosong le maitseboa di a tswa di ya go gama, mme se ga se mo kgoreletse go ka tsewelela ka ditiro tse dingwe go senka letseno le lengwe la madi.
O tsweletse ka go re e re ka jaana a santse a le mosha mo thuong ya dinotshi, o dira tsina fela mme keletso ya gagwe ke gore fa a gola mo kgwebong a dire ditlolo tsa melomo le go bona kgwebo ya gagwe e godile e bile a ruela mo tshimong.
Mme Khubu a re o rekisa fela mo bathong mme keletso ke go tswela kwa ntle go oketsa thekiso jaaka kwa mabentleleng.
O kaile gore kgwetlho e tona e a kopanang le yone ke gore dinotshi tsa gagwe di longwa ke ntshi e e di bolayang le gone go falala, go bo go re a senke tse dingwe.
O tlhalositse gore ponelopele ya gagwe ke go ipona a okeditse mabeelo kgotsa mabokoso a a beelang dinotshi, a hudugetse kwa tshimong ka ga jaana a santse a di ruetse mo lwapeng.
Mme Khubu o kopile Batswana go tsaya mananeo a puso a a ka tlhabololang matshelo a bone mme ba seka ba itsapa ka e tlaa re mo tsamaong ya nako ba bone maduo.
O lebogile puso ka seabe sa yone go mo thusa ka lenaneo la nyeletso lehuma, e bile o santse a na le keletso ya go ka thusiwa go itlatsa mo thutong e a setseng a e filwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thusoyaone Sechele
Location : DIKHUKHUNG
Event : Potsoloso
Date : 08 Jan 2019




