Go ikgapela matshelo ga banana go a tshwenya
07 Jan 2019
Kgosi wa Kang, Mme Basadi Seipone o supile fa a sa jesiwe diwelang ke banana ba ba tsweletseng ka go ikgapela matshelo mo motseng wa gagwe.
Fa a bua mo puisanyong le BOPA ka Labotlhano, Kgosi Seipone a re ngwaga o o sa tswang go fetla o tlogetse kutlobotlhoko mo motseng morago ga gore banana ka bontsi ba ikgapele matshelo.
A re se se ngomolang pelo ke gore dibeke di ne di kgona go tlhomagana ba ntse ba amogela dipego tsa banana ba ba ikgapetseng matshelo mme go sena mabaka a a utlwalang a gore ke eng ba tsere tshwetso eo.
Kgosi Seipone a re kgang e, e apesitse motse wa gagwe kobo ka letshoba e bile fa e sa tsibogelwe ka bofefo e tlaa felela e tlogela setshaba se sena bathusi le babusi ba kamoso.
O supile fa ba solofetse go le gontsi e bile ba beile tshepo le bokamoso jwa lefatshe mo diatleng tsa banana.
Kgosi Seipone o kaile fa molemo mogolo e le go boifa le go inaakanya le Modimo.
O gakolotse banana gore fa ba na le seemo ba itlwaetse go bua mathata a bone kwa go ba ba maleba gore ba tle ba kgone go bona thuso e e feletseng.
Kgosi Seipone a re Modimo ke ene fela yo a ka ba thusang go tsaya ditshwetso tse di maleba mo botshelong le go ba fa kagiso le boitumelo ka dinako tsotlhe.
Ka jalo o gwetlhile monana mongwe le mongwe mo motseng gore a tseye kgato e e maleba mo ngwageng o mosha ka go amogela Keresete jaaka Morena le mopholosi mo botshelong jwa gagwe gore a tle a heme diemo tsa go tshwana le go ikgapela botshelo.
Kgosi Seipone o bile a kpa morafe gore o amogele le go tshelela Modimo ka nako tsotlhe gore ba tle ba amogele ditshegofatso.
O kopile bakgweetsi le batsamaya ka dinao go tsaya boikarabelo jwa go nna kelotlhoko ka dinako tsotlhe mo ditseleng.
O kaile fa nnotagi le koloi di sa kopane gope fa e se go gapa matshelo le go tsisa selelo le khurano ya meno mo masikeng le ditsala.
Ka jalo o gwetlhile mokgweetsi mongwe le mongwe go iphapaanya le go kgweetsa a itshietse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Michael Matebele
Location : Kang
Event : Potsolotso
Date : 07 Jan 2019




