Breaking News

Mosetsanyana wa dingwaga tse tharo o beteletswe

07 Jan 2019

Mapodisi a Letlhakeng a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone ngwana wa dingwaga tse tharo a beteletsweng ke monna wa dingwaga tse di masome mararo.

E rile a lekodisa BOPA ka seemo sa kgaolo ya gagwe bosheng, mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng, Assistant Superintendent Moses Morolong, a supa fa tiragalo eo e diragetse kwa Ditshegwane kwa kgaolong- potlana ya Letlhakeng, Sedimonthole a le masome mabedi le borataro.

O tlhalositse fa batsadi ba ngwana ba ne ba tlogetse ngwana yoo le bana ba bangwe ba dingwaga tse supa.

Ass. Supt Morolong o supile fa rre yoo a setse a itshupile kwa lekgotleng la ga mmakaseterata kwa Molepolole Sedimonthole a le masome mararo le bongwe.

O kaile fa ba santse ba tshegeditse mmelaelwa kwa kgolegelong ya Molepolole fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse.

Mo go tse dingwe Ass. Supt Morolong o tlhalositse fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le bone a gobaditseng rre wa dingwaga tse di masome mane le bosupa ka kota kwa Diphuduhudu Sedimonthole e le masome mabedi le borataro.

O tlhalositse fa rre yoo le ene a tshegeditswe ke mapodisi fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse.

Ass. Supt Morolong o supile fa ba ne ba atlhola beng ba dibara tse pedi kwa Letlhakeng le Ditshegwane ka molato wa go tlhoka go obamela dinako tsa go tswala madirelo.

O supile gore ntle le moo malatsi a keresemose le ngwaga o mosha a ketikilwe ka boikarabelo kwa kgaolong ya gagwe.

E re le ntswa go ntse jalo, Ass. Supt Morolong o ntshitse matshwenyego a bakgweetsi ba ba kgweetsang ba sena diteseletso tsa go kgweetsa.

O supile fa batho ba ba neelang batho ba ba senang diteseletso tsa go kgweetsa ba na le seabe mo go bakeng dikotsi tsa tsela. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Letlhakeng

Event : Potsolotso

Date : 07 Jan 2019