Madome o itshetsa ka tlatlana
07 Jan 2019
Mme Mareledi Madome ke mongwe wa Batswana ba ba ipelegang ka diatla tsa bone ka a itshetsa ka go loga ditlatlana.
E rile a bua le BOPA bosheng, Mme Madome yo o tlholegang kwa Motlhabaneng mo kgaolong ya Bobirwa a tlhalosa fa a simolotse kgwebo e ya go loga ditlatlana ka 2002, mme e sale go tswa foo ga a ise a tlhole a boela morago.
A re godimo ga ditlatlana o loga ditshelo, mebanki ya diaparo, dibeke tse di akgwang, dikgwama le tse dingwe.
O tlhalositse fa a dirisa mokolwane go loga mme a o kgetla kwa letshitshing la noka ya Motloutse gone kwa Motlhabaneng.
A re gape o betla digo tsa metsi le tse di kgabisang, tse a di dirang ka makgomane a a omeletseng.
O tlhalositse fa a ne a ithuta botsipa jwa go loga ditlatlana mo tsaleng ya gagwe mme a simolola kgwebo e ka 2002.
A re gantsi o thusiwa ke ngwana wa gagwe go loga ditlatlana mme e bile a ikaelela go ruta bana ba gagwe botlhe go loga gore e nne boswa jo ba ka salang ba itshetsa ka jone fa a setse a hulere.
Mme Madome yo o dingwaga di masome matlhano le bosupa o supile fa dithoto tsa gagwe di rekwa thata ke bomme ba di rekela go kgabisa kwa mantlong, mme gape a kgona go rekisetsa ba dikompone le ba madirelo a mangwe go kgabisa kwa diofising.
A re bangwe ba rekela ditlatlana tsa gagwe go kgabisa kwa meketeng e tshwana le manyalo mme bangwe ba di dirisa go tsenya dipeo kwa masimong.
O tlhalositse fa kgwebo e le botoka ka a ka se ke a lale le tlala, mme a gatelela fa theko e le botoka fela thata mafelong a kgwedi le ka nako ya ditshupo.
A re o setse a kile a tsenelela ditshupo tsa ba lephata la tsa bong le tsa lephatla la banana, metshameko le ngwao, tse di neng tsa mo godisa ka a ne a kgona go itsege le go rekisa dithoto tsa gagwe teng.
A re o rekisetsa ditlatlana tsa gagwe mo mmolong wa Francistown fa go fetang batho ba bantsi teng.
O thalositse fa a setse a diretse kgwebo ya gagwe setlankana bosheng ka thotloetso ya puso, mme se se tlaa mo thusa go ipapatsa botoka le go kopa dithuso mo pusong gore kgwebo ya gagwe e gole.
A re se se monate ka kgwebo ya go roka ditlatlana ke gore ga e tlhoke metšhine epe go ka dirisiwa ka a dirisa thoko le thipa fela go roka.
O buile fa kgwebo e batla botswerere le bopelotelele gore e tswelele, ka a kgona go roka ditlatlana tsa gagwe masigo kgotsa makuku a naka tsa kgomo mme e bile a kgona go fetsa go loga tlatlana mo dioureng tse e seng tsa sepe.
A re se se monate ka kgwebo ya gagwe ke gore o a iperekisa a sa salwa morago ke ope e bile dipoelo tsothe ke tsa gagwe.
Mme Madome o tlhalositse fa a ikaelela go ruta ope fela yo o nang le keletgso ya go itse go loga ditlatlana, go balelwa le banana ba ba aparetsweng ke lethoko la ditiro.
E re dikgang di eme jalo, Mme Madome o tlhalositse fa a lebaganwe ke dikgwetlho di tshwana le go tlhoka lefelo le le bulegileng go tsamaisa kgwebo.
A re kgwetlho e nngwe ke go bo setlhare sa motsentsene se se dirisiwang go kgabisa ditlatlana se seyo kwa kgaolong ya gagwe, mme e bile se bonwa kgakala kwa Maun.
O gatelela fa a kopa batho ba ba kwa Maun go se mo tlela mme ba kgona go tsaya nako ba ise ba se mo tsisetse.
O thalositse fa se se kgona go dira gore a tseye lebaka a sa loge ditlatlana a emetse motsentsene mme go ame kgwebo ya gagwe.
O buile gape fa go tlhoka sepalamo se a ka se dirisang mo kgwebong go mo itsa go tsamaela kwa mafelong ka go farologana go rekisa teng, jaaka kwa Kasane kwa bajanala ba ka kgatlhegelang dithoto tsa gagwe teng.
Le fa go ntse jalo, o buile fa dikgwetlho tse di ka seke di mo kgobe marapo ka a tlaa itoma molomo wa tlase gore kgwebo ya gagwe e atlege.
O kopile Batswana go ipulela dikgwebo le go itshetsa ka diatla tsa bone ka letlhoko la ditiro le le kwa godimo, mme e bile se se ka thusa go kabakanya itsholelo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Festus Outule
Location : Francistown
Event : Potsolotso
Date : 07 Jan 2019




