Breaking News

Dinonyane mofenyi wa sefalana

06 Jan 2019

Rre Leagile Dinonyane wa Lecheng ke ene mofenyi wa kolotsana ya boapeelo kwa marekisetsong a Sefalana, morago ga go reka dijo koo kgwedi le kgwedi.

Rre Dinonyane yo gape a neng a sa tswa go tlogela tiro ka bogodi mo koporaseng ya motlakase, e bile e ne e le letsatsi la gagwe la matsalo, o ne a atlhoka a le tlhaeng morago ga go itsesiwe fa e le ene mofenyi wa kolotsana ya boapeelo.

Kgaisanyo eo, e e neng e le mo marekisetsong a Sefalana otlhe mo lefatsheng leno, e simologile ka Phukwi ngogola go fitlhelela Ngwanaatsele a le lesome le bongwemonongwaga.

Rre Dinonyane, yo e leng monni wa Palapye, a re ene le ba lelwapa la gagwe ba reka dijo tsa bone tsa kgwedi le kgwedi kwa Sefalana.

Mofenyi wa bobedi ke Mme Amantle Supang, wa dingwaga tse di masome mabedi le borobabongwe wa Sefhophe yo ene a ikgapetseng P10 000.

Mofenyi wa boraro e ne ya nna Rre Oageng Lebonetse wa dingwaga tse di masome mararo le bofera bobedi wa Manaledi.

E rile a aba dimpho tseo, Mopalamente wa Palapye, Rre Moisaraela Goya a leboga marekisetso a Sefalana go thusa Batswana  ka go ba direla dithulaganyo di tshwana le e ya dikgaisanyo tsa bareki.

A re ke ngwaga wa bolesome le boraro ba Sefalana ba ntse ba na le dikgaisanyo tsa mefuta e e farologanyeng, jaaka ba ne ba aba diterekere, dikoloi le tse dingwe, seo e le gone go arogana dipoelo tsa bone le bareki.

E ne e rile go le pele, modulasetilo wa marekisetso ao, Rre Baakile Mmusi a supa fa ba ne ba afa mongwe le mongwe yo o rekang ka P50 le go feta sebaka, fela fa sengwe se se mo kgaisanyong se le mo dithotong tse a di rekileng, mme a lebogisa bafenyi go bo ba kgonne go fenya kgaisanyo eo.

Fa a leboga, mogolwane wa madirelo a Sefalana, Rre Thabo Namoshe o supile fa bareki e le bone konokono ya marekisetso a bone.

A re kwa ntle ga bone ga ba kake ba kgona go tswelela.

O ne a bolela fa kolotsana ya boapeelo e lopile P60 000, e na le didirisiwa tsotlhe tse ditlhokegang tsa kapei ga mmogo le gase e e apayang, e bile e tsentswe le dipone tsa motlakase. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Kgaisano

Date : 06 Jan 2019