Breaking News

Heaven at Work e aba dijo le melora

06 Jan 2019

Erile bosheng Kereke ya Heaven at Work ya supa mowa wa bopelotlhomogi ka go abela lekgotla la Humana People to People le malwapa a le mararo kwa Selebi Phikwe dijo le melora e e tlhapang.

Mothusa Ratoropo wa Selebi Phikwe, Mme Dorcus Letlhogelwa yo e neng e le molalediwa wa tlotla kwa kabong dimpho, o kgotlhaditse maloko a kereke go tswelela ba supa lorato le boutlwelobotlhoko.

Mme Letlhogela o boletse fa tumelo ya nnete e bonwa ka ditiro, ka jalo a kopa maloko go tswelela ba neela ka lorato.

O tlhalositse fa go abela ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng e le tsela nngwe ya go ema puso nokeng go bona gore setshaba se bona ditlamelo.

Moruti wa kereke eo, Rre Gokatweng Metsi o tlhalositse fa kereke e tshwanetse go supa seabe sa yone mo tsamaisong le tlhabololo ya lefatshe, ke ka moo ba boneng go le maleba go aba.

A re kereke ya gagwe e itlamile go dira go feta fa mo nakong e e tlang, a tlatsa ka go re maikaelelo a bone ke go tswelela ba thusa ba ba tlhokileng lesego a bo a kopa maloko go tswelela ba bula dipelo le go supa lorato mo setshabeng. 

E rile a tswa la gagwe, mogolwane wa kereke, Mme Pabalelo Metsi a tlhalosa gore jaaka ba le mo thomong, ba tshwanetse go dira ditiro tse di tsamaelanang le dikeletso tsa Modimo.

Mme Metsi o kopile maloko a kereke go supa lorato ka go thusa baagisanyi ba bone kwa malwapeng.

Mogolwane go tswa kwa ofising ya boipelego, Mme Phatsimo Rampa o lebogetse maloko a kereke mpho ya bone, a tlhalosa fa tse di abilweng di le botlhokwa e bile di tlaa dira pharologanyo e tona mo go ba ba abetsweng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaone Busang

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Kabo dimpho

Date : 06 Jan 2019