Breaking News

Noka e gapile botshelo

04 Jan 2019

 Monna mongwe o tlhokafetse morago ga go tsewa ke noka ya Metsimasweu kwa Serowe maabane(Hirikgong 3) . 

Mookamela mapodisi a kgaolo ya No 2 District, Senior Superintendent Agreement Mapeu , o boletse mo potsolotsong fa rre yoo, a ne a leka go tlola noka, mme a tsewa ke metsi aa neng a elela ka bokete.

A re le ntswa bangwe ba ba neng ba le gaufi ba lekile go kgalema, rre yo o ne a tswelela fela ka go lekeletsa boteng jwa metsi.   Rre Mapeu a re ka thuso ya banni ba Ramakolo, mapodisi a ne a batla rre yoo mme ba mmone a setse a tlhokafetse. 

Rre Mapeu o ne a gakolola batho gore ba seka ba tlola melapo kana dinoka ka nako ya pula ka se, se le borai thata.  O ne gape a gakolola gore batsadi le bone ba tlhokomele bana ka nako ya pula. 

Rre Mapeu a re mo go tse dingwe ba ne ba itsisiwe ka malwapa a ka nna matlhano a a amilweng ke metsi mme ditiragalo tsa teng di se maswemaswe. .

Pula e, e ne ya baka tshenyo bogolo jang mo ditseleng tse di dirilweng ka ditena. BOKHUTLO

 

 

Source : BOPA

Author : Lucretia Chima

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 04 Jan 2019