Mapodisi a Maun ba tlhotlhomisa leso la lesea
04 Jan 2019
Mapodisi a Maun a tlhotlhomisa leso la lesea la dikgwedi tse nne le le tlhokafetseng kgwedi eno e tlhola letsatsi.
Go ya ka mookamela mapodi a kgaolo ya Bokone Bophirima, Rre Peter Gochela, ngwana yoo wa mosimane o ne a robetse le batsadi ba gagwe bosigo jwa ngwaga o mosha, mmaagwe wa dingwaga tse di masome mabedi le bobedi le rraagwe wa dingwaga tse di masome mabedi le bosupa.
A re go begilwe fa ngwana yoo a fetlhitswe a sa heme fa go tsogwa, mme a ragosediwa kwa kokelong ya Letsholathebe kwa go neng ga tlhomamisiwa fa a tlhokafetse.
Rre Gochela o tlhalositse fa ditlhotlhomiso di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile leso la lesea seo.
Le fa go ntse jalo, Rre Gochela o supile fa malatsi a Keresemose le ngwaga o mosha a ketekilwe sentle kwa kgaolong eo ya Bokone Bophirima le fa go nnile le ditiragalo tsa polao tse pedi, e nngwe kwa Seronga le nngwe kwa Maun, ka one malatsi a boitapoloso.
A re ya Seronga go belaelwa fa rre mongwe a bolaile mokapelo wa gagwe morago a ipolaya, fa kwa Maun rre mongwe go belaelwa a tlhabilwe ka sengwe se se bogale, morago ga go tlhoka kutlwisisanyo.
Rre Gochela o boletse gape fa go nnile le kgang ya go kgothosa e mo go yone mme mongwe a neng a tlhaselwa ke dilalome kwa kgaolwaneng ya Thito bosigo, mme morago ba utswa koloi ya gagwe ya modiro wa Mazda, mme a supa fa dilalome tseo di tshwerwe.
O ne gape a re go begilwe dikotsi tsa tsela tse di masisi tse tharo mo Maun, mme go tlhokafetse batho ba le bararo, fa e nngwe kotsi e diragetse kwa Sehithwa mme go tlhokafetse batho ba le babedi.
Rre Gochela gape a re ba nnile le dikgang tsa bagwebi ba bojalwa ba ba tlodileng molao di le tharo kwa Gumare, le e le nngwe kwa Maun. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN,
Event : Posolotso
Date : 04 Jan 2019




