Breaking News

Puso e leboga batlamedi ba bana

03 Jan 2019

Puso e lebogela seabe sa batsadi ba ba tsereng boikarabelo jwa go tlhokomela le go godisa bana ba masika le ditsala ba ba tlhokafaletsweng ke batsadi.

Mothusa tautona Rre Slumber Tsogwane o buile jalo pele ga letsatsi la botsalo jwa morena mo metseng ya kgaolo ya Boteti bophirima jaaka a ne a abela bana ba masiela le dikhutsana dimpho tsa keresemose.

O ne a leboga go menagane batsadi ba ba tlhokomelang bana ba.

O supile gore go abela bana bao dimpho ngwaga le ngwaga go botlhokwa le fa  di se kake tsa ba goga lobaka mme di tsisa monyenyo mo difatlhegong tsa bone le fa e le ka nakwana.

Rre Tsogwane o tlhalositse gore tiro ya go abela ba ba seng lesego mo setshabeng e dirwa ke batho ba ba lorato e bile ba le kutlwelobotlhoko. 

“Ga re eletse go bona motho e le motlhoki kana a tlhokafaletswe ke batsadi ba ba neng ba thusa ka ditlamelo tsa botshelo.”

Rre Tsogwane a re go utlwisa botlhoko ka gore bangwe ba bana ba latlhegelwa ke batsadi ba sale babotlana, ba sa kgone go itirela sepe, ka jalo ba tlhoka go tshwaraganelwa ke setshaba gore ba gole sentle ba kaelwa tsela e boammaaruri ka lorato.

Rre Tsogwane a re puso ga e robadiwe ke dikgwetlho di akaretsa lehuma, letlhoko la ditiro, le go tlhaelelwa ke ditlamelo ga bana bangwe ba ba tlhokafaletsweng ke batsadi.

A re ba masika ba tswa kgakala ba leka go tlamela bana ba ba tlhokafaletsweng ke batsadi, le fa go ntse jalo a re go a tshwenya go bona batho ba itsholelo e e botoka ba ngosela go thusa ba ba dikobo di magetleng.

“Ntsha se o nang le sone go thusa.

Go a tshwenya go bona motho a latlha dijo moagisanyi a lala ka logaba.”

Rre Tsogwane o lebogile dikompone le batho ka bongwe ka bongwe ba ba itlamileng go tswelela ba thusa.

A re  puso e tsweletse ka mananeo go leka go lwantsha dikgwetlho tse di amang ditlhopha dingwe mo setshabeng jaaka bagodi, ba-na-le bogole, bana ba dikhutsana le masiela, a tlatsa ka go re puso e tlaa tswelela ka go itela mo dikomponeng le setshaba go thusa.

Go nna le seabe ga dikompone le batho bangwe ga se go ikgantsha ke go supa lorato le bopelotlhomogi.

O gakolotse batlhokomedi ba dikhutsana le masiela go tlhokomela dimpho tse di filweng bana gore ba di akole ka boammaaruri.

Seabe kana lorato le le tswang mo setshabeng se ka dira gore dikhutsana le masiela ba gole sentle ba na le boikarabelo, ba lemoga gore ba na le boleng mo setshabeng.

 Rre Tsogwane o gakolotse setshaba go tsweledisa mekgwa e e neng e thusa gore ba tshele ka tshwaragano, lorato le go thusa ba ba tlhokang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : Khumaga

Event : Kabo dimpho

Date : 03 Jan 2019