Breaking News

Mokgatlho wa R7 o abela bana ba sekole dimpho

03 Jan 2019

Lekgotla la boithaopi la R7 le le tsamaisiwang ke ba lelapa loora Morupisi fa e sale ka 2006 kwa Malaka mo kgaolong ya Lerala/Maunatla le tsweletse ka go abela bana ba dikole, barutabana le batho ka bongwe ka bongwe dimpho ngwaga le ngwaga ka letsatsi la botsalo jwa Morena.

Mopotsolotsong le motlhami wa lekgotla leo Rre Cater Morupisi, yo gape e leng mokwaledi wa ofisi ya ga Tautona, a re o tswa kgakala le ba lelwapa la gagwe ba inaakantse le go thusa Batswana.

 A re seo se semologile ka 2006 fa ba ne ba abela kereke ya Revelation dimpho ngwaga le ngwaga mme ya re kgabagare bangwe ka ene ba mo rotloetsa go kwadisa lekgotla leo ka fa molaong.

Rre Morupisi o tlhalosistse fa a ne a kgona go le kwadisa ka 2017 mme seo sa baya lekgotla mo seemong sa gore batho ba le lemoge le ditiro tsa lone.

A re lekgotla leo ga se la sepolotiki ke la ba lelwapa la gagwe, a tlhalosa fa mo nakong eno le godile mo e bileng le na le khuduthamaga.

Rre Morupisi o ne a nankolola dingwe tsa ditiro tse lekgotla le di dirileng, jaaka go bona gore matlo a borobalo kwa sekoleng se sebotlana sa Moroka mo kgaolong ya Bokone Botlhaba di a wela morago ga go tsaya lebaka di eme fela.

 O tlhalositse fa dikago tseo di lopile P3 million mme o solofela fa di tlaa wela morago ga go bona gore tsotlhe tse di tlhokegang di nna teng.

A re le fa a tsweletse a dira jalo, maikutlo, pelo le mowa di mo sekoleng se sebotlana sa Malaka se a se thusang ngwaga le ngwaga ka dikgetsi tsa dibuka.

 Rre Morupisi o tlhalositse fa ngwaga le ngwaga a rotloetsa bana ba lekwalo la bosupa ba ba dirileng sentle mo ditlhatlhobong tsa bone mme ba bone maduo a ntlha le a bobedi ka go ba abela P300 le P200 ka go latelelana.

A re e setse e le ngwao gore o abela bana ba lekwalo la ntlha ba Malaka dikobo mongwe le mongwe wa bone fa ba simolola sekole.

Rre Morupisi o tlhalositse fa mo kgaolong ya Lerala/Maunatla barutana ba dikole tse di fentseng ditlhatlhobo ka 80 per cent le go feta ba abelwa megala ya letheka mongwe le mongwe wa bone, mme a tlhalosa fa a setse a abetse dikole di le dintsi a balela le sa Shashe Mooke le Mafungo Hobona le ntswa di se mo kgaolong ya Lerala/Maunatlala.

 A re fa godimo ga go abela barutabana dimpho tseo o ne a itshwaraganya le ba Mascom go thusa ka go ba gokelela tsa borenyane mo dikoleng tse di fentseng gore ba kgone go godisa dikitso tsa bone le gone go tokafatsa maduo ka go dira dipatlisiso ka boranyane joo.

O tlhalositse fa di didiriswa tseo tsa marenyane di dirile gore maduo a lekwalo la bosupa a sekole sa Malaka a tokafala mo go nametsang pelo.

Rre Morupisi a re go abelwa ga sekole se sebotlana sa Lerala kapari ya mmino wa Setswana go ne ga ba kgontsha go fetela kwa makgaolakgannyeng a dikgaisanyo tsa mmino wa Setswana.

O ne a tswelela ka go supa fa e le motho yo maikutlo a gagwe a leng gaufi thata le thuto mme a supa fa a kgona le gone go rotloetsa baithuti ba ba dirileng sentle kwa dikoleng tse dikgolwane ka dibalamakgolo mme e bile a kile a dira jalo kwa Gootau le Kukubjwe.

A re o dirisanya le bagwebi bangwe go thusa fa a batla dithuso.

Rre Morupisi o ne a tlhalosa fa a abile dikgetsi tsa dibuka di feta makgolo a bane mme a ya go kgona go abela bana ba lekwalo la ntlha go fitlhelela ba lekwalo la bosupa.

A re bana bangwe ba a bo ba tswa mo metsing e e bapileng le Malaka mme le bone a re o a ba abela ka nako eo ka e ya bo e le letsatsi la ditshegofatso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : Malaka

Event : Potsoloso

Date : 03 Jan 2019