Breaking News

A tikologo e tlhokomelwe-Masisi

28 Dec 2018

 Tautona Mokgweetsi Masisi a re tikologo e botlhokwa mo go tlhabololeng botshelo le botsogo jwa setshaba.

Tautona o buile se kwa motsaneng wa Serinane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ka Labone, Morule 27, mo loetong le le khutshwane la go dumedisa le go abela morafe mephuthelwana ya dijo tsa keresemose.

A re go botlhokwa gore batho ka bongwe, ka bongwe ba tsee boikarabelo go tlhomamisa bophepa jwa tikologo e ba tshelang mo go yone.

O bile a kgala batho bangwe ba ba leswafatsang tikologo ka tumelo ya gore baabo ba tlhamela bangwe diphatlha tsa mebereko.

Tautona o kaile fa ene le MmaAtsile ba aba dimpho tseo ka tsholofelo ya gore di tla lere pharologanyo, monyenyo le boitumelo mo go ba ba di amogelang.

O lebogile bopelonomi jwa makgotla le bagwebi ba ba phutholotseng letsogo go abela Batswana ba ba tlhokileng lesego, a tlatsa ka gore; ‘sejo sennye, ga se fete molomo’.

Go abela Batswana mephuthelwana ya dijo, ga ga Tautona Masisi ke go leka go tukisa molelo mo malwapeng a tlhokileng lesego.

Kgosi Malang Galeatle wa Serinane, yo aneng a aperwe ke boitumelo go amogela tautona mo kgotleng ya gagwe, o ne a mo kopa go tsibogela seemo sa diofisi tsa kgotla se a kaileng se le maswe fela thata.

A re ere ntswa a lebogela dipalo tsa bodiredi jwa kgotla ya gagwe, ga a itumedisiwe ke go tlhoka fa ba direlang teng, se a reng se ama thata go ntshiwa ga maduo.

Kgosi Galeatle o bile a kopa gore banana ba kgaolo eo ba segelwe sekidi sa lefatshe go re ba nne le fa ba ka direlang mananeo gone.

Mopalametse wa kgaolo, Rre Liakat Kablay, o ne a leboga go bo tautona a ba lemogile mo gare ga dikgaolo tse dintsi tsa lefatshe leno, tse le tsone di nang le botlhoki jo gongwe bo fetang jwa Serinane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : SERINANE

Event : Kabo dimpho

Date : 28 Dec 2018